Puso e lebogela seabe sa kereke
30 Aug 2016
Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moiseraele Goya, a re puso e lebogela seabe se kereke e nang le sone mo go tlhabololeng lefatshe leno.
Rre Goya o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA go kokoanyetsa madi kago ya UCCSA Boseja.
A re puso e dumela thata mo dikerekeng ka jalo fa makgotla a a eteletseng dikereke a isa boikuelo bope jo bo amanang le dikereke, puso e a ba amogela e ba reetse e bo e sekaseke ikuelo ya bone.
Rre Goya a re se se supagetse fa makgotla ao a bua ka tomolagano kana go thubega ga dikereke e bile ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe maloko a le 500 go ka simolodisa kereke e ntsha.
A re puso e ne ya reetsa mme ya dira molao oo mme mapalamente a dumalana palo ya 150. O gakolotse kereke go sa kgala lentswe mo go lwantsheng lehuma ka le sa eletsege gotlhelele mo lefatsheng la Botswana.
O tsweletse ka go gatelela fa kereke e tshwanetse ya kgala e sa kgwe mathe tiriso botlhaswa ya nnotagi, diritibatsi, boaka le boitshwaro jo bo sa eletsegeng.
Tona o tlhalositse gape gore kereke e tshwanetse ya rotloetsa go nna tlhaga mo tirong le go nna bopelotelele. A re banana ba gompieno ba pelo dikhutshwane mme mafoko a re “Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwefela.”
Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a itsise maloko a kereke fa puso e rotloetsa Batswana ka mananeo go ba ntsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.
A re puso e na le mananeo a thotloetso ya bomme, le banana ga mmogo le setshaba go se ntsha mo lehumeng. Ka jalo o ne a rotloetsa kereke gore e nne le dithuto seka dipuisanyo, go rotloetsa maloko go inaakanya le mananeo a a molemo a puso.
A re bana ba Modimo ga ba ke ba dirisa madi botlhatswa fa ba a adimiwa ka jalo o dumela fa Modimo o tlaa ba etelela pele go sala mananeo a puso morago. A re somareleng leina la Modimo re nne bafenyi ka mananeo a puso, ga bua jalo mothusa tona.
O ne a akgolela ba UCCSA Boseja go bo ba bone go tshwanela go dira maitiso a maikalelo a o ne e leng go kgobokanyetsa kago ya kereke madi.
A re o dumela gore kago ya kereke eo ke moka e leng ya ga Jehova ka sebelebele.
Rre Goya o tsweletse ka go re kereke ke lefelo la tumelo, lefelo la kgomotso, ebile ke lefelo la tshidilo maikutlo.
O tlhalositse fa lekwalo la ga Samuel wa bobedi kgaolo ya bosupa temana ya botlhano le re “Ya o reye motlhanka wa me Dafite o re; a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone.”
Kwa bofelong Rre Goya o ne a ntsha madi a a kanang ka P40 000 go simolodisa kago ya kereke eo. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Moletlo wa go kokoanya madi
Date : 30 Aug 2016






