Breaking News

Re-a-nyalana e nyadisitse ba heta dikete tse pedi

30 Aug 2016

Mothusa Tona wa Lephata la Temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse, a re fa e sale lekgotla la Re-a-nyalana le simolola kwa Kgatleng ka ngwaga wa 2011, le setse le nyadisitse manyalo a le 2 329 lefatshe leno ka bophara.

Rre Autlwetse o buile mafoko a bosheng fa e ne e le sebui sa tlotla kwa letsatsing la go nyadisa manyalo a le masome a mabedi le bone a batho ba ba neng ba tswa kwa metsing ya Dibete, Mookane le Mmaphashalala ba ba ntseng ba retelelwa ke go nyalana ntateng ya go tlhoka dithata.

A re le ntswa batho bangwe ba nyenyafatsa kana ba kgala manyalo a batho ba ba thusiwang ke lekgotla la Re-a-nyalana go gorosa basadi ba bone, babusi ba lefatshe leno ba akgola lekgotla leo go bo le ikemiseditse go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane go nyalana ka fa molaong.

Rre Autlwetse o boletse fa go thusa batho ba go nna jalo go nyalana go tlaa neela banyalani seriti sa go nna mmogo mo malwapeng a bone le go imolola mmuso morwalo wa go tlhokomela bana ba ba ntseng ba tlhoka tlhokomelo ya batsadi ba bone.

Mothusa tona o tsweletse ka go galaletsa baeteledipele ba lekgotla la Reanyanala ka se se ba biditseng go direla Batswana tiro e ntle ya go nyadisa bao, ba ba senang dithata gore le bone ba kgone go nna le seriti jaaka banna le basadi ba ba nyalaneng ka fa molaong gore e re mongwe wa bone a ya badimong balekane ba bone ga mmogo le bana ba seka ba amogwa dithoto ka seipatlo sa gore ga ba ka fa molaong.

Molomanganya ditiro tsa lekgotla la Reanyalana, Mme Annah Morwaagole, o tlhalositse fa maikaelelo le maikemisetso a lekgotla leo e le go thusa Batswana segolo jang ba ba dikobo dikhutshwane go nyalana ka jaana ka dinako dingwe batho ba go nna jalo ba retelelwa ke go nyala ntateng ya boturu jwa magadi a a lopiwang ke bagwagwadi.

Mme Morwaagole o rile e re ka nyalo e le selo sa botlhokwa mo botshelong, ke sone se ba tsereng boikarabelo jwa go thusa batho go nyalana gore ba kgone go nna le seriti le go tlhokomela bana go na le go rwesa mmuso boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba ba nang le batsadi ba bone.

Kgosi Captain Kemmapatse Bagatiseng wa Mmaphashalala, o akgoletse lekgotla la Reanyalana le mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, go tswa ka moono wa go thusa batho ba metse ya Dibete, Mookane le Mmaphashalala go nyalana ka a re seo se tlaa imolola makgotla a ditsheko dikgang tsa go lwela boswa ga batsadi ba batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ga mmogo le bana ba ba fetogang dikhutsana ntswa batsadi ba bone ba ba tlogeletse dithoto.

E rile mopalamente wa kgaolo Mme Tshireletso a lathela tlhware legonnyana, a kopa lekgotla la Reanyalana go tsamaya le dikgaolo tsa lefatshe leno go thusa go nyadisa Batswana ba ba nang le keletso ya go nyala, mme ba retelelwa ke go ntsha magadi.

Mme Tshireletso o rile e re ka a lemogile fa batho bangwe ba kgaolo ya gagwe ba retelelwa ke go nyala ntateng ya go palelwa ke magadi, ke sone se a neng a ikgolaganya le lekgotla leo go thusa batho ba metse eo go nyalana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MMAPHASHALALA

Event : Letsatsi la go nyadisa

Date : 30 Aug 2016