Dikgafela di botlhokwa- Kgosi Mosielele
30 Aug 2016
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo.
Kgosi Mosielele o buile jaana ka letsatsi la go ipelela dikgafela kwa motseng wa Kokong bosheng.
A re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso.
A re go tlhabisa ditlhong gore mo bogompienong e bo Batswana ba itirile bakopi ntswa ba na le dithata le ditsompelo tsa go itemela.
O kopile baeteledipele go rotloetsa batho go emela temo ka dinao ka ke yone ebileng e ka tshetsa le ba ba sa rutegang.
O boletse fa gape dikgafela di supa thulaganyo ya ngwao ya Setswana bogolo jang e e supang serodumo sa bogosi.
A re gore dikgafela e bo di bolodiwa kwa kgotleng e bo thobo e felela kwa kgotleng ke sekao sa gore bogosi ke konokono ya botshelo jwa Motswana.
A re mo godimo ga moo gape di supa ngwao ka gore dikgafela fa di lerilwe jalo go a bo go lebogelwa thobo mme gape go kopiwa pula.
A re go tsisa thobo kwa kgotleng ke gone jaaka ba gwetlha pula gore ba tswelele ba leme gape.
Kgosi Mosielele a re ka jalo batho ba seka ba nna dipelo tshetlha fa ba tshwanetse go tsisa thobo kwa kgotleng ka jaana se se ka dira gore dipula le tsone di nne boutsana.
A re ba tshwanetse go dira jalo ba golotse dipelo tsa bone gore pula le yone e ne ka tshosologo.
A re e re ntswa puso e leka go tokafatsa matshelo a Batswana, ga ba a tshwanela go itepeletsa fela ba sa itirele.
A re go lemotshega fa mo malatsing ano Batswana ba thubile kobo segole fela ba lebile mo pusong go ba tshetsa.
A re nako e tsile ya gore puso le bogosi di tshwaraganele dikgang tse go bonwe gore meamuso mengwe ya puso e emisiwe ka nako ya temo.
A re go bereka ipelegeng ka nako ya temo go itaya batho tsebe e bile go dira gore ba tlogele masimo a sa tlhokomelwe.
A re maikaelelo e tshwanetse go nna go fokotsa palo ya batho ba ba fiwang dijo ke puso, mme seo se ka kgonega fa batho ba ka rotloediwa go lema.
O boletse fa gape batho ba kabo ba duelelwa thobo ka gore bangwe ba tsaya dipeo ba ya go lema e be ba duelwa mme ba sa tlhokomele dijwalo ba ntsha dijo tse di bonalang. A re se se ka dira gore batho ba thlwaafale ba tlhokomele masimo a bone gore ba tle ba bone dituelo tseo.
Molemisi wa kgaolo eo Rre Keabetswe Tlhagwane a re e re ntswa dipula di dikile di le boutsana, balemi bangwe ba ne ba seka ba tswa fela.
A re dipula tse di neleng ka kgwedi ya Hirikgong ke tsone di neng di le botoka mme di thusitse balemi go bona sengwe.
O ne a rotloetsa balemi go dirisisa mananeo a puso e a ba beileng pele gore ba tokafatse temo ya bone.
O ba kopile go agelela masimo a bone go kganela tshenyo e e ka dirwang ke diphologolo.
O boletse fa gape ba tsweletse ka go thusa balemi ka maano a go itepatepanya le seemo sa loapi jaaka se tsweletse ka go fetoga.
Erile a tswa la gagwe, mopalamene wa Jwaneng/Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile a leboga morafe wa Kokong go bo ba bone go tshwanela go tsosolosa ngwao ya dikgafela.
A re ba tswelele ba iteke thata ka go atolosa tiro eo mo ngwageng o o tlang.
O ba rotloeditse gape gore ba leke go kopanya banaleseabe ka go farologana gore ba arogane ngwao eo le bone e le jaaka ba godisa moletlo oo.
A re gape ba tswe ka maano a gore tiro ya go tshwana le e e nonotshe itsholelo ya dikgwebo mo motseng wa bone.
A re ba tseye malebela kwa metseng e mengwe gore ba kgone go godisa mokete wa bone o itsege lefatshe leno ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KOKONG
Event : Ipelelo dikgafela
Date : 30 Aug 2016






