Di tsa tlholego di mamu
28 Aug 2016
Kgosi ya Kalamare Rre Goareng Mosinyi o kopile banni ba motse oo go somarela ditsa tlholego ka se se ka tsisa dipoelo mo motseng wa bone.
O buile mafoko a ka letsatsi la temo ditlhare ka lenaneo la ESP bosheng kwa Kalamare le tseneletswe ke ba lephatla la forestry le dikgosana tsa motse wa Kalamare.
Rre Mosinyi a re batho ba Kalamare bana le maitemogelo le maiteko ka ba kgonne go lema ditlhare mo lefelong la mmamaroka le neng le sena lefa e le mmu dingwaga tse di kwa morago tse thataro, a re se e tla nna bokao mo bathong ba dikgaolwana tse dingwe.
Rre Mosinyi a re batho ba Kalamare ba ikagetse seolo ka go fetola kgwetlho go nna tshiamelo ka se seka busetsa morafe jaaka lefelo leo e nna mangwe mafelo a mantle a go ka itseelwang dinepe tsa manyalo teng kana phaka.
O boletse fa dipatisiso di supa go fema phefo e e phepa go thokana le gore o e amogane le ditlhare tse di fetang lesome le borataro ka seo mongwe le mongwe a itemele phefo ka e le yone botshelo jwa motho.
O gakolotse batho go direla lefatshe la bone ka go somarela ditsa tlholego jaaka go lema ditlhare, ka e e le tsone re di tlhokang go dira magala a motlakase go sa nneng jalo re a go nna le bothata ja thlaelo ya motlakase ka ntata ya go fela ga ditlhare.
Fa a tswa la gagwe forestry district coordinator Rre Desmond Serero a re e le ba lephatla ke batsaya karolo mo go tlhabololeng tikologo ka e rile ka ngwaga wa 2009 ba agelela lefelo la mmamaroka go baakanngwa.
O boletse fa letsatsi le letsatsi go kgaolwa ditlhare ke sone se ba boneng go le botlhokwa go lema ditlhare kgwedi le kgwedi.
Rre Serero o tlhalositse fa lephatla le re gope fela ko go nang le lefelo teng le bonwa le senyega go ka tsosiwa terata mme ga lemiwa ditlhare.
A re ka fa batlho ba tsentseng letsogo ka teng mo temong ya ditlhare go supa fela maikarabelo a magolo le kgolo ya setshaba sa Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Obakeng Molefhe
Location : KALAMARE
Event : Letsatsi la temo ditlhare
Date : 28 Aug 2016






