Breaking News

Komiti ya ditlhabololo e thusa sekole

28 Aug 2016

Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Madiba mo Palapye e abetse sekole se segolwane sa Palapye Junior Secondary School di toilet paper di le 700 e le bontlha bongwe jwa mosepele o ba ntseng ba o tsere le sekole seo go se thusa ka tse di tlhokegang.

E rile a rolela sekole mpho eo, mmamatlotlo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Madiba, Mme Olivia Ketlogetswe a tlhalosa fa ba tswa kgakala le go thusa sekole ka tse di tlhokegang jaaka ba ne ba tsaya boikarabelo ja go bona gore tikologo ya sone e nna phepa ka dinako tsotlhe, go tswa fela ka 2012.

Mme Ketlogetswe a re ba ne ba kgaola ditlhare le go busetsa dikago tse di neng di onetse mo seemong  ka thuso ya khansenle le ba dikago tsa puso. 

O ne gape a supa fa bone le barutabana ba sekole seo ba le moono o le mongwe wa tshwaraganelo kgodiso ya ngwana, mme a re ba sa ntse ba na le mosepele o moleele o ba tlaa o tsayang le sekole seo.

Mokhanselera wa kgaolwana ya Boikago/Madiba, Rre Richie Kenosi o ne a tsaya sebaka go buisana le bana ba sekole le go ba ema pele ka lefoko la kgothatso gore ba tseye thuto ka tlhwaafalo. O ne a re go aba mpho ga botsadi ja VDC ke go supa lerato le gore ba kgathala ka matshelo le thuto ya bone.

O ile a ba tlhalosetsa fa ba tlogetse barutabana kwa sekoleng mme ba ile go tsaya botsipa le go anya dikitso mo barutabaneng ba bone gore le bone ba tsoge ba na le bokamoso go itshetsa, a re seo ba ka se kgona fela ka go nna le boitshwaro le maitseo a a tlhokegang.

O ile a re go mo maruding a bone e le bana ba sekole go ipaya mo selekanyetsong se ba batlang go nna sone fa ba fetsa sekole, a re motho ke ene ka nosi a itseelang ditshwetso ka go ipetlela tsela ya botshelo ja gagwe, le se a batlang go ipona a se fitlheletse mo isagong.

Fa a itebaganya le barutabana, mokhanselara Kenosi o ne a ba lebogela seabe sa bone mo thutong le mo kgodisong ya bana go sa kgathalesege dieemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone tsa go tlhaelelwa ke matlo a borutelo, boroko le  seemo sa tiro se se seng monate le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

A re seo ga se a ba kgoba marapo go tswelela ka tiro ya bone ya go ruta bana, mme a tlhalosa fa bone e le baemedi ba tsweletse ka go buisana le makalana a puso a a lebanyeng go tokafatsa diemo tseo, a bo a lebogela gore le bone ba kgonne go bona sengwe mo lenaneong la go rudisa itsholelo jaaka sekole sa bone se ne sa shafadiwa jaana.

E ne ya re fa godimo ga mpho ya ba VDC ya kgaolwana ya gagwe a tlatsa ka dipene di le 60 e le mpho ya barutabana.

Fa a amogela dimpho tseo mo boemong ja sekole, moemedi wa baithuti Rre Tshepo Madimabe o ne a re o lebogela go bona lerato le le kalo le tswa mo botsading ja bone, mme a supa fa monongwaga ba na le tebelopele le kgwetlho ya go dira ka natla go tokafatsa maduo a bone. 

Mpho eo e ne ya abiwa ke modulasetilo wa Madiba VDC, Rre Boitshoko Kinnear yo o neng a rotloetsa baithuti go tlhokomela sekole le tikologo ya sone le gone gore le bone ba itlhokomele ka dinako tsotlhe ba lebege jaaka bana ba sekole ba le phepa.

Fa a lebogela dimpho tseo, morutabana, Mme Orebonye Boitseng o ne a re dimpho tseo di tsile ka nako e e lebanyeng  e ba nang le letlhoko le le kwa godimo, mme a isa boikuelo kwa go ba VDC go ba agela ntlo ya Setswana mo sekoleng le gone gore ga ba na mabeelo (storeroom). BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Aug 2016