Toteng o ikuela mo go Batshu
28 Aug 2016
Banni ba Toteng ba kopile puso go sekaseka gore ba ka thusiwa jang manokoko a leuba le le ba apereng.
Ba ikuetse mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu ba tlhalosa fa kgaolo ya bone e aperwe ke leuba le le maswe le le gaitseng leruo la bone mme ba sala ba iphotlhere.
Kgosi Kenatse Kandapaera a re e re ka leuba leo le namile le kgaolo ya Ngamiland yotlhe, banni ba metse mengwe jaaka Semboyo ba fiwa dithuso tsa dijo mme bone ba beilwe ka fa mosing.
A re e re le ntswa ba ne ba dirile maiteko a go baya ditema ditlou di folodisitse maiteko a bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Mokenti Katimpa a re barui ba lela sa ga ragele ka jaana leuba le meditse leruo la bone a tlatsa ka gore manoto a a setseng ga a ba solegele molemo ka jaana go sena kwa ba ka rekisang teng.
A re matlhabelo a BMC ga a ba thuse jaaka ba solofetse ka jaana e reka palo e e ko tlase e bile le ditlhotlhwa tsa bone di sa nametse.
O ne a lela gape ka letlhoko la matlhabelo a dihutshane a re ba jewa ntsoma ke boradibuchara ka ba tsaya leruo la bone mahala.
A re ba reka ka madi a a ko tlase mme morago ga ba sena go tlhaba ba turusetsa bareki nama.
Rre Katimpa o ne a kopa puso gore bogolo e rebolele banni go tsoma ditlhapi ko letsheng la Ngami go fokotsa manokonoko a leuba. A re go ngomola pelo go bona batswakwa ba tsoma mo letsheng leo ba sena ditiseletso le ntswa le tswetswe mme beng gae bone ba bogetse fela ba wela mo isong.
O ngongoregile gape ka batho bangwe a re ba gelela metsi ka dikoloi mo nokeng ba sa rerise bogogi jwa motse.
Modulasetilo o ne a lela gape ka letlhoko la boroko jwa bodiredi mo motseng a tlhalosa fa pele ba ne ba iteka go aga matlo ka lenaneo la namola leuba jaanong puso e emisitse ditiro tsa dikago.
Rre Katimpa a re go thata gore bodiredi bo fudugele mo Toteng ka ntlha ya letlhoko la boroko a re gompieno ba ne ba filwe mapodisi a le mane mme ba kgonne go amogela a le mongwefela yo ba mo kopetseng boroko kwa matlong a moepo.
Mongwe wa banni, Rre Ngatu Tjinyeka o ne a kopa puso go lebaleba melao gore e se ka ya gotlhagotlhana le ngwao.
A re gompieno e le morafe wa Mbaderu ba kgoreletsega go diragatsa ngwao ya bone ya phitlho ka jaana molao o ba pateletsa go fitlha mo mabitleng a a kgethilweng.
O kopile gore ba tlogelwe ba fitlhe fa ba kgonang go diragatsa ngwao ya bone ba phuthologile.
Fa a tsibogela dilelo tseo, Rre Batshu o boletse fa tlhaelo ya boroko e apere lefatshe lotlhe. A re ke boammaaruri gore puso e emisitse dikago ka jaana e ne e batla gore bokete jwa madi a a fiwang lenaneo la ipelegeng a namole Batswana mo lehumeng e seng go dira ditiro tsa sennela ruri ka jaana di lopa madimadi.
Mothusa molaodi, Mme Angelinah Leano o ne a tlhalosa fa ditshekatsheko tsa leuba tse di dirilweng mo kgaolong di supile fa motse wa Toteng o le botoka fa o tshwantshanngwa le metse e mengwe. A re ka jalo puso e sa kgonang go ba fa dithuso tsa dijo jaaka metse e mengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : TOTENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Aug 2016






