Breaking News

Baithuti ba gaegolelwe ba iteisanya borathana

25 Aug 2016

Go ne go nkga go sa bola beke eno kwa Kanye fa baithuti ba Thuto ga e golelelwe ba kgaolo ya Borwa ba ne ba iteisana borathana mo dikgaisanong tsa bone tsa meopelo, poko le bommabontle.

Thuto ga e golelwe ke lenaneo la thuto le le thusang bagolo go ithuta le go tswelela ka go dira ka diatla go tsweledisa matshelo a bone.

Bagolo ba tsena sekole sa thuto ga e golelwe ka makatlanamane mme sebe sa phiri ke gore borre ba maoto a tshupa le mororo bangwe ba sa itse go bala le go kwala.

Go ne go phadisanngwa, go leba yo o sebete. 

Mo dikgaisanong tsa mmino wa dikhwaere ditlhopha di ne di le nne ebong Moshupa, Thankane, Lobatse le Kanye. 

Kanye e ne ya tsaya maemo a ntlha ya bobedi ya nna Moshupa, ga latela Lobatse mme Thankane ya di goga ko mogatleng.

Mo dikgaisanong tsa Poko, Rre Thuso Baofalatsa wa kwa Gasita one a a tsaya maemo a ntlha fa Mpho Lesole a bobedi mme ga latela Martin Gaorogwe.

Ko go bo rabontlenyane, Gosenyamang Mosimanegape a nna rabontle a tswa ko Letlhakane Botlhaba, a latelwa ke Naledi Mothudi, ga latela Kebonekgosi Letshabo.

Mo go bomme, Neo Morwale o tsere maemo a ntlha, a bobedi Tina Mothibamele, a boraro Ketlhaeletse Katsia. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Dikgaisano

Date : 25 Aug 2016