Breaking News

Mahalapye DHMT ga e a nna fela

25 Aug 2016

Mookamedi wa sepatela sa Mahalapye Dr Kunal Bose a re ntswa kgaolo ya Mahalapye e na le dikgwetlho di tshwana le tsa dikoloi le tlhaelo ya dingaka sepatela sa gagwe ga se a  nna fela.

A re ba na le lenaneo le le tsepameng le ba le dirileng mo kgaolong e a e okametseng go tsibogela seemo se ba leng mo go sone go bona gore balwetse ba bona dithuso tse ba di tlhokang.

O ne a bua jalo kwa Sefhare kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata la botsogo ba kgaolo ya Mahalapye (Mahalapye District Health Management Team) bosheng.

A re mo go tsibogeleng seemo sa letlhoko la dikoloi kgaolo ya gagwe e kgaogantswe ka dikarolwana mme koloi e le nngwe e kgona go thusa dikokelwana di le mokawana. 

Dr Bose o tsweletse a re mo go tsibogeleng kgang ya tlhaelo ya dingaka kana boitseanape jwa bongaka jo bo rileng, dingaka di etela dikokelwana mo malatsing a a beilweng mme balwetse ba kgone go bona thuso. 

Ka jalo a re maiteko ao a supa fa a ntsha maduo a a nametsang.

A re tsholofelo ke gore ba lephata la botsogo mo kgaolong ya gagwe ba etele mafelo a ba a okametseng kgapetsakgapetsa go bona gore a banni ba fiwa ditirelo sentle le gore a dilo di tsamaisiwa sentle.

A re kgaolo ya Mahalapye e bophara e bo e nna le dipatela di le pedi le dikokelo le dikokelwana di le 42 mme batho ba ba thusiwang mo kgaolong ya Mahalapye ba 110 000. 

A re mo godimo ga moo ba fa dikokelwana di le pedi thotloetso, e leng kokelwana ya magolegwa kwa Mahalapye le ya Machaneng.

O ne a tlatsa ka gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e sego thata ka mopalamente wa yone e bong Mme Dorcas Makgato e le tona wa botsogo. 

Mogolwane wa tsa tsamaiso kwa sepateleng sa Sefhare, Mme Sebonnye Kgafela o ne a itsise banni fa go na le letlhoko le lentsi la dikoloi tse di pegang balwetse lefatshe ka bophara. 

A re mo kgaolong ya Sefhare go na le dikoloi di le tlhano mme di kgaogantswe ka mafelo a le mane.

O tlhalositse fa koloi e nngwe e le kwa kokelwaneng ya Tumasera/Seleka, e nngwe e le kwa Pilikwe, e nngwe e le kwa Machaneng fa tse pedi di le kwa kokelong ya Sefhare.

Mme Kgafela o ne a ikuela mo banning ba motse wa Sefhare go kgalema bana ba ba dirang tshenyo mo tshingwaneng ya merogo e e mo sepateleng sa motse oo. 

A re tshenyo e e dirwang eo, e utlwisa botlhoko ka tse di lengwang mo tshingwaneng eo ya merogo di thusa balwetse.

Moeteledipele wa sepatela sa Sefhare Dr Nkele Ndolumingu o ne a bolela fa bolwetse e se jwa banni fela mme le badiri ba sepatela ba kgona go lwala ka jalo go tlhoka tshwaragano ya botlhe.

Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go fa banni ba Sefhare sebaka sa gore ba itekodise ba lephata la botsogo ka fa ba fiwang ditirelo ka teng le gore ba botsogo ba ba itsise ka diphetogo dingwe kana mananeo a masha a a leng teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Sefhare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2016