Breaking News

Boikgapho konokono - moruti

25 Aug 2016

Moruti wa kereke ya St John Anglican Church Bishop Metlhayotlhe Beleme o kopile maloko a kereke eo gore a nne le boikgapo ka se se ka netefatsa tshireletsego ya lelwapa leo la Modimo.

O buile mafoko a ka mafelo a beke mo moletlong o kereke eo e neng e amogela moruti wa yone Botshabelo Beleme mo Tsabong.

Bishop Beleme o boleletse phuthego gore go botlhokwa gore ba itseye ka maitseo ka seo se ka netefatsa kagiso le tshisibalo.

O tsweletse a tlhalosetsa phuthego gore kereke eo e tlhaela ka baruti mme a kopa phuthego gore e rotloetse banana go tsenelela dithuto tsa boruti gore ba tle ba arabe letlhoko leo.

Bakereki ba St John ba ne gape ba gakololwa gore ba tshwanetse go ema moruti wa bone yo mosha nokeng gore a tle a kgone go dira ditiro tsa gagwe sentle.

Fa a tswa la gagwe, moruti Beleme o supile fa a itumelela gore a bo a filwe sebaka sa go bereka le maloko a kereke eo a kgaolo ya Kgalagadi Borwa, a tlatsa ka gore botsadi jo bo ntseng bo eteletse kereke eo pele moruti a seo bo dirile tiro e ntle. 

O supile fa a tlaa amogela dikgakololo fa ene a solofetse lerato le tirisano mmogo ka se se tlaa ba kgontsha go aga lelwapa la motia, a supa fa thomo ya gagwe e le ya batho botlhe mo kgaolong e seng bakereki ba St John fela.

Moruti Baleme o tlhalositse fa a tlaa seke a letlelele maitsholo a a sokameng mo kerekeng a bo a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone ba ka di fenya fela ka mohau wa Modimo.

Mme Mariam Tsietso yo e leng mongwe wa bagolo ba kereke eo o supile fa go goroga ga moruti go tsisitse diphetogo le tsholofelo ka jaana a tsosolositse makalana, mme a re o solofela fa kereke e tlaa golela pele.

A re e re ntswa moruti a le mosha go goroga mo kgaolong o setse a etetse bagodi, balwetse le magolegwa mme a ba rapelela go sa kgathalesege gore a ke maloko a kereke eo kana nnyaa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Tsabong

Event : Moletlo

Date : 25 Aug 2016