Breaking News

Banni ba Manyana ba itlhokoletsa boipuso

25 Aug 2016

Boipuso jwa monongwaga jwa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano go tlaa leba yo o sebete, ka go sena phokoje wa morago. 

Kwa Manyana kwa kgaolong ya Borwa ba dira go swela, ba kopa kemo nokeng ya bagwebi, bogogi ja kgaolo, baruti le bodiredi go itsolopaganya le bone.

Mo potsolosong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya boipuso Rre Kerapetse Oageng o boletse fa a tlhatswiwa pelo ke gore mopalamente wa bone mothusa Tautona RRe Mokgweetsi Masisi o ba solofeditse go ba tlhabela dikgomo tse pedi. 

Rre Oageng o boletse fa mokhanselara Rre Peter Sethibe le ene a solofeditse kgomo gore Bahurutshe ba tle ba letse leino ka letsatsi la boipuso. 

O boletse fa puso e solofeditse P17 700 go keteka boipuso le go berekela mo go ene.

Le fa go ntse jalo, ba tsweletse ka go kgobokanya madi ka go dira ditiro ka go farologana jaaka bommabontle, kgaisano ya kgwele ya dinao le tse dingwe.

Rre Oageng o boletse fa baruti le bone ba sa salela morago ba ipaakantse ka thero, moopelo wa go galaletsa Modimo le tse dingwe. 

O boletse fa tirisano mmogo e le ya maemo a a ko godimo thata. 

O boletse fa ka letsatsi la boipuso ba ikaeletse go supa ditsangwao tsa bone tsa Bahurutshe. 

Mebala ya fologa ya Botswana e tlaa bo e phaphasela mo motseng wa Manyana. 

O boletse fa kgotla ya bone e pentilwe ka mebala ya folaga ya Botswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Manyana

Event : Potsolotso

Date : 25 Aug 2016