Barui ba tla a thusiwa
24 Aug 2016
Mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse a re ga go kitla go kgonagala gore lephata la gagwe le age kampa ya kgwediso ka seatla mo motseng mongwe le mongwe.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Dutlwe ka Labobedi, Rre Autlwetse a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go na le baithuti ba ba rutwang go gwedisa ka seatla kwa polaseng ya lephata leo kwa Ramatlabama.
A re e tlaa re morago ga go fetsa dithuto tseo, baithuti bao ba tlaa bo ba ka kgona go thusa barui go ikgwedisetsa ka seatla mo dipolaseng le masaka a bone go na le go isa dikgomo tsa bone kwa dikampeng tsa kgwediso ka seatla.
Rre Autlwetse o ne gape a kgothatsa balemi go iteka go gola mo temo-thuong ntle le go baya sengwe le sengwe mo pusong.
O ne a tlhalosa fa e le keletso ya lephata la gagwe go bona balemi-barui ba lefatshe leno ba gola go tswa mo go ba ba jelang mo ganong go nna ba ba gwebang.
Rre Autlwetse o ne a tlhalosa jaana morago ga gore modulasetilo wa komiti ya balemi ya motse wa Dutlwe, Rre Stephen Jakoba a supe fa ba tlhoka polase ya kgwediso ka seatla mo kgaolong ya bone ka jaana mo nakong ya gompieno ba gwedisa kgakala kwa Mabutsane.
Rre Jakoba gape o ne a supa lesokolela ka balemi ba ba lemang bogolo jang ka dithuso tsa puso, mme e re morago ba phuaganye masimo a bone go siela kwa ipegeleng.
A re se se dira gore masimo a bone e sale e le njo ya dikgomo mme madi a puso a tsene ka motlhobodika.
Rre Jakoba o ne gape a lela ka tlhaelo ya dijo le melemo kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board.
Molemi yo mongwe, Rre Geoffrey Tsheboyagae ene o ne a kopile tona go gwetlha puso go oketsa dithuso tse ba di fang balemi ba ba jelang mo ganong e le kgogedi ya go dira gore ba fatlhoge.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Motshegetsi Puleng wa motse oo o ne a lebogela mananeo a puso a a ka fa tlase ga lephata la temo-thuo, mme a re maswabi ke fela gore batho ba kgaolo ya gagwe ba a tsere ka boutsana.
O ne gape a lela ka go tlhoka go tsenngwa leitlho ke bodiredi ga mananeo ao a puso morago ga go abelwa ba ba tshwanetseng.
E rile ba tswa la bone, batho ma motse wa Dutlwe ga mmogo le ba Ditshegwane ba ne ba kopa gore melato ya borukutlhi ja leruo e gagamadiwe go gamola badira melato diphogwana ka jaanong go lebega ba tshwakgogile.
Kgosi Puleng o ne a supa fa tiro ya ba sepodisi mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e dirwa bokete ke morafe ka jaana fa gongwe o nna bosupi ka marago fa o tshwanetse go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso.
A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore mo makgethong a mangwe morafe o abo o thusitse dirukutlhi tse go utswa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Aug 2016






