Ba kopa phatlalatso ya metsi mo metseng
24 Aug 2016
Banni ba metse ya Robelela le Tshokwe ba lela ka letlhoko la metsi mo metseng ya bone mme morafe o supile matshwenyego a gore metse ya bone ga e kgone go gola ka phatlalatso ya mealo ya dipompo tsa metsi e sa goroge kwa ditsheng tse disha.
Morafe o tlhalositse fa metsi a le mantsi mo motseng mathata e le go phatlaladiwa le motse gore batho ba kgone go a gogela mo malwapeng,ba tlhalosa fa dipompo tse di saleng di tsentswe e le mokgabisa fela ka go sa na metsi a a tswang mo go tsone.
Seo se senogile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Kefentse Mzwinila bosheng.Banni ba metse eo ba supile fa ba sa itumelele seemo sa ditsela tsa Robelela-Mmadinare le ya Tshokwe -Tobane ba tlhalosa fa di sa tsamaege ka paka ya dipula. Ba boletse fa seo se ba ketefalela ka ba tsaya ditlamelo kwa Mmadinare le Selebi Phikwe.
E rile a ba kgwa dikgaba mopalamente Rre Mzwinila a tlhalosa fa e tlaa re ka ngwaga wa 2017-2018 sepatela sa Mmadinare se tlhabololwe gore se tle se kgone go thusa batho ba le bantsi ba mafelo a a mo kgaolong ya Mmadinare.
Rre Mzwinila o tlhaloseditse banni ba metse eo fa palamente e tsere tshwetso ya go fetola babereki ba lephata la matlhoko a leruo,babega dikgang ba puso le barutabana go nna babereki ba ba botlhokwa se se raya gore ga ba letlelelwe go ngala tiro fa ba sa dumalane le mohiri go lebilwe botlhokwa jwa ditiro tsa bone.
E rile a ama tsa ditlhopho, Rre Mzwinila a tlhalosa fa molao wa ikwadisetso ditlhopho wa poeletso o fetotswe,se se raya gore ga go kitla go nna le ikwadiso ya poeletso go hema gore batho ba dikgaolo di sele ba tle go ikwadisa kwa ba ba sa tshwanelang gone mme a ba rotloetsa go ikwadisa ka dipalo tse dintsi fa ikwadiso e simolola.
E ntse e le tse di amang ditlhopho Rre Mzwinila o tlhalositse fa madi a go ikwadisetsa go nna ntlhopheng wa bokhanselara a okeditswe go tswa mo go P100 go nna P1 000 fa mopalamente a ne a lopiwa madi a a kana ka P500 mme a oketsegile go nna P5 000 go netefatsa gore ntlhopheng o ikemiseditse go emela setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Robelela
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Aug 2016






