Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go tshwara ka thata

24 Aug 2016

Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone.

Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e rulagantswe ke lephata leo mo Fracistown ka Labobedi.

Mme Sethono a re o lemogile gore bomme ke bone gape ba ba rweleng boikarabelo jo bogolo mabapi le go tshetsa ba ba ikaegileng ka bone.

O tlhalositse gore dipalo di supile fa dikgwebo tsa bomme di feta masome a marataro mo lekgolong, a tlatsa ka gore se se raya gore dikgwebo tsa bomme di botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe leno.

Mme Sethono a re dikgwebo tsa bomme di gola ngwaga le ngwaga a re ba simolotse ka bagwebi ba le lekgolo, mme  gompieno ba bua ka ba le lekgolo le sephatlo.

A re go botlhokwa go lemoga fa maiteko a puso a tsweletse go leka go nonotsha bomme mo mebarakeng.

Mme Sethono o supile fa lephata la tsa kgwebo, le e fa bomme, banana, banalebogole seemo se se kgethegileng fa go tla mo dithekong tsa puso.

O bile a re le fa ntswa puso  e dira maiteko a magolo jaana, go sa ntse go na le dikgwetho tse ba tshwanetseng ba di lwantsha, mme ka maswabi go na le dipego tsa gore bangwe ga ba dirise madi a ba a filweng sentle, fa bangwe ba ba mo ditlhopheng ba simolola dintwa fela jaaka madi a tsena kwa bankeng.

Mme Sethono o ba tsibositse gore puso ga e kake ya emela tlhoka boikarabelo e e kana, mme ba ba dirang bosutlha le bosula jo, ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.

O tlhalositse gore motlapele a re “motlhoka sa gagwe ke moka a suleng’’ ka jalo o ba gwetlhile gore ba tlhwaafalele maiteko a puso mo go buseletseng seriti sa bone, ka jaana lehuma le diga motho seriti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Thuto puisano

Date : 24 Aug 2016