Breaking News

Nnotagi le diritibatsi di borai

24 Aug 2016

Lepodisi la pharakano mo Serowe  Seargent Chistopher Mpofu  o gakolotse morafe go sa amana gope le nnotagi le diritibatsi.

O buile se kwa thuto seka dipuisanyong e e rulagantsweng ke ba District Health Management Team mo Serowe bosheng.

O kaile gore e le ba sepodisi ba lemogile gore melato e mentsi e diragala batho ba itshietse,a re motho fa a setse a nole o ipolelela gore o botlhale mo ba felelang ba tsaya dikobo ka dikgoka, le gone go tlhapaola ba bangwe. 

A re Batswana bangwe ba kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi, mo ba felelang ba tseelwa ditlankana tsa go kgweetsa, mme bangwe ba felele ba senyegetswe ke tiro.

 O ne a re mokgwa o o ama le yone itsholelo kwa lapeng ka e felela e ya ko tlase le seriti sa motho se bo se ya ko tlase.

Sergeant Mpofu a re go nwa bojalwa phetelela ke molato o motho a ka o sekelang a bo a atlholelwa kgolegelo, a tlhalosa gore mo bogompienong bakgweetsi ba le bararo mo Serowe ba ne ba  amogwa ditlankana tsa  bone kwa  kgotleng ya ga mmakaseterata. 

Mmakaseterata, Mme Mogi Paya ene a re bana ba setse e le dikhutsana mo malwapeng bakeng la ditagi le bojalwa selo se a supileng fa se ama itsholelo ya lefatshe.

A re ba bangwe fa ba sena go nwa bojalwa ba lwantsha ba bangwe, ba ba tshubela matlo bangwe ba felele ba bolaane.

O kaile gore melato e mentsi e tshwana go lwa, go tlhapatsa ba bangwe, go tshosetsa matshelo le go lwela bakapelo e diragala thata fa batho ba setse ba itshietse jalo a kopa batsayakarolo gore bojalwa bo seka jwa ba ntsha mo sethong sa bone.

Mongwe wa balalediwa go tswa ko Tsela Kgopo Cultural Group, Rre Warona Ramarebana o ne a re bone ba itemogetse dilo di le mmalwa tse di tlhokang go tsibogelwa. O ne a re ba setse ba lemogile gore fa o bona ditlhako tsa diteki di kaleditswe mo dipaleng tsa metlakase ke sekao sa gore motsoko wa motokwane o rekisiwa mo lwapeng lengwe gaufi, a re go na le batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi ko dikoleng.

O kopile gore fa motho a ka bona tiragalo ya go nna jalo, a lome mapodisi tsebe le ba lenaneo la Fokotsa Dino.

Ba ile ba supa motshameko wa motshikinyego o o neng o supa ditlamorago tsa nnotagi di tshwana go nwa dipilisi tsa mogare ka bojalwa le gone go tlhoka go dinwa sentle ka nako tse di beetsweng motho wa go nna jalo a felela a latlhegelwa ke botshelo, selo se se paledisang maiteko a puso.

Mmaboipelego Mme Khabinyana Kegatileng a re fa motho a le mo tirisong ya ditagi ga  a kgone go tlwaelana le ngwana wa gagwe le fa e le go tshwenyega gore a o jele,  o ile sekoleng selo se se feleletsang se ama maduo a ngwana.O supile gore sebete ke sone se tlhotlhang leswe mo mmeleng wa motho,mme go nwa thata go ka felela go amile sebete. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Serowe

Event : Thuto puisano

Date : 24 Aug 2016