Breaking News

Mopalamente o lekola kgaolo

23 Aug 2016

Banni ba metse ya Lentswelemoriti le Motlhabaneng mo kgaolong ya botlhophi ya Bobonong ba lekodisitswe ka thulaganyo e ntsha e e tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang.

 Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi o lekodisitse banni fa mo palamenteng e e sa tswang go tswalwa, mapalamente a dumalane gore go fetolwe molao wa ditlhopho gore go dirisiwe motshini mo boemong ja dipampiri.

Rre Kgathi a re fa e sa le lefatshe le ipusa go ntse go dirisiwa methale ya go tlhopha e akaretsa ditalama tsa diphathi mme ga fetogelwe kwa go ya pampiri (ballot paper) mme tse tsotlhe di na le dikgwetlho tsa tsone.

A re tlhopho ya pampiri e na le ditlamorago tsa yone a supa fa go tsaya nako batlhophi ba eme mo meleng sebaka, maduo le one a tswa morago ga nako selo se a reng ga se a siamela puso ya batho ka batho.

Mochine oo a re o bofefo e bile batlhophi ga ba ka ke ba tsaya sebaka se se leele ba emetse maduo.

Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re mochine oo o tlaa bo o na le dikano tsa diphathi tsa sepolotiki e bile ikwadiso e tlaa nna gangwe fela ga go kitla go nna le ya tlaleletso.

O kopile banni ba metse eo gore ba akofe  ba ikwadisetse ditlhopho fa ba lephata le le tsamaisang ditlhopho ba ntsha malatsi a ikwadiso.

Mopalamente a re mo molaong oo wa tsamaiso ditlhopho motlhophi bogolo jang banalebogole ba gololesegile go tla le motho yo ba mo tshephang yo o ka ba thusang go tlhopha ka gore mo tlhophong ya pele go ne go na le dikgang tsa tsietso.

O supile fa buka ya maina otlhe a ba ba ikwadisitseng a tlaa ntshiwa ka letsatsi la ditlhopho ka go lemogilwe fa mangwe mapolotiki ba utswa batlhophi kwa dikgaolong tse dingwe gore ba fenye mme  gape a tlhalosa fa megala ya letlheka e tla bo e sa letlelelwe ka bangwe ba tsaya ditshwantso tsa tlhpho ka yone.

Rre Kgathi o ba lekodisitse fa gape palamente e dumetse gore palo ya matona a maphatla e okediwe ka bobedi go nna lesome le boferabobedi go tswa kwa go lesome le borataro le go oketsa bathusa tona go tswa mo go boferabobedi go ya go lesome.

A re se se dirwa ka gore maphata mangwe a mabogodika mme se e le go leka go isa ditlamelo mme a re gore mang o nna tona kgotsa mothusa tona ke tshwetso ya ga Tautona.

Rre Kgathi o ne gape a lekodisa banni ba Lentswelemoriti le Moletemane gore ba lephata la matlhoko a leruo ba ntshitse manyena a dikgomo a le 100 000 go tsenngwa mo dikgomong tsa kgaolo ya Zone 7.

Manyena a a re ke a kgaolo ya Zone 7 mme ga a letlelelwe go dirisiwa kwa ntle ga kgaolo e e sa ntseng e kentelwa bolwetse ja tlhako le molomo mme a kopa barui go tsenya dikgomo tsa bone manyena. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Lentswelemoriti

Event : Phuthego

Date : 23 Aug 2016