Mmuso o neela banana sebaka
23 Aug 2016
Mokwaledi wa lephata la banana,metshameko le ngwao, Rre Kago Ramokate a re mangwe a maikaelelo a lephata la gagwe ke go neela monana mongwe le mongwe sebaka mo botshelong.
Rre Ramokate o buile se kwa phuthegong ya letsatsi la ditshupo tsa banana kwa Mahalapye bosheng.
A re le fa banana go itshupa mo bodiragatsing,dikgwebo le metshameko e ka yone motho a ka kgonang go felela a gaisana mo metshamekong e megolo e tshwana le ya di Olympic.
Ka jalo o ne a gakolola banana go ikemela ka dinao go itlhamela mebereko le go tlhabolola lefatshe la bone ka e le bone babusi ba kamoso.
O ne a rotloetsa banana go ikopanya le baeteledipele jaaka ba lephata la gagwe go tsaya dikgakololo ka mananeo a a le teng a tshwana National Internship Programme, Youth Development Fund le Tirelo Sechaba
Rre Ramokate o ne a rotloetsa banana go apara mebala ya Botswana se e le go ipelafatsa ka lefatshe la bone.
O ne a lebogela banana ba Mahalapye go bo ba ithaopa mo ditirong tsa setshaba go baakanyetsa boipuso jaaka go penta mmolo bosheng.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele-potlana ya Legare, Rre Tassman Cebani a re o eletsa gore banana ba gole mo dikgwebong gore ba tle ba kgone go thapa ba bangwe mme se se tokafatse le yone itsholelo ya lefatshe.
A re lefatshe la Botswana le na le palo e potlana ya batho ka jalo go thata gore kgwebo e tswelele ka ntata ya mmaraka o o senang bareki ba bantsi.
O ne a kopa gore ba ba neng ba thusitswe pele ka madi e bile dikgwebo tsa bone di na le dipoelo tse di botoka ba thusiwe gape gore ba di godise.
Rre Cebani o ne a leboga puso ka mananeo a a diretsweng banana ka ba tlaa kgona go itlhabolola le go intsha mo lehumeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Obakeng Molefhe
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 23 Aug 2016






