Bokomo Richmark e jesa Botswana
23 Aug 2016
Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi o akgotse khamphani ya Bokomo Richmark a supa fa e jesa lefatshe la Botswana ka nama ya koko ebile e thapile Batswana ba le bantsi bogolo jang ba kgaolo ya Bobirwa.
Fa a buisa badiri ba khamphani eo beke e e fetileng, Rre Kgathi a re Bokomo Richmark e thapile badiri ba feta makgolo a mararo mme e bile e rekisetsa mafelo a tshwana le Francistown, Maun, Selebi Phikwe le Gaborone kwa e phatlalatswang teng mafelo ka go farologana.
Le fa go ntse jalo Rre Kgathi yo gape e leng tona ya itshireletso, molao le thokgamo o supile fa kompone eo e na le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya metsi, seemo sa tsela se se sa siamang mme a re tse ke dingwe tsa dikgang tse a di emetseng ka dinao.
A re o tlhaloganya gore khampani ya Bokomo e ntse e leka go ka phunya metsi mme ba itaya se fololetse mme a supa fa go sa ntse go na le dipuisanyo fa gare ga khampani eo le ba lephata le le maleba gore ba ka thusiwa jang.
Rre Kgathi a re tsela e e sa siamang le tlhaelo ya metsi ke dingwe tsa dikgwetlho tse di ka dirang gore kompone eo e fuduge mme batho ba le bantsi ba ka latlhegelwa ke ditiro seemo se a reng ga go ope yo o se eletsang gore se ka diragala.
O supile fa a tlaa tswelela a buisana le puso gore tse kompone eo e lelang ka tsone di felele di fitlheletswe.
Mo go tse dingwe o ne a supa matshwenyego ka bogodu ja diphologolo jo bo diragalang kwa polaseng eo ya Bokomo Richmark mme a kopa banni go begela mapodisi bao ba inaakantseng le borukutlhi joo.
Mopalamente a re gape o tshwenngwa ke dipolaano tse di diragalang mo motseng wa Moletemane jaaka mo ngwageng o go setse go gatisitswe dikgang di le borobabobedi.
Mo go tse dingwe mokwaledi wa khansele ya Bobirwa Mme Gomolemo Moepeng o gakolotse badiri ba kompone eo go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA mme a supa fa diofisi tsa bone di butswe go thusa bao ba ikaelelang go ikagela matlo ka lenaneo leo.
Mme Moepeng a re dikopo tsa banni ba motse wa Moletemane di ntse di arabelwa kwa Palapye mme jaanong di arabelwa kwa Bobonong.
Fa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha Rre Kganya Poloko a kopile banni go kwadisa ditsha tsa bone a supa fa kwadiso e wela kgwedi eno e le masome a mararo le bongwe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Moletemane Rre Matlotlo Ramaphane ene o supile fa seemo sa tsela e e gokaganyang motse wa bone le wa Tsetsebye e sa ba jese diwelang ebile e ka phutlhamisa kompone ya Bokomo Richmark.
Rre Ramaphane a re le fa go ntse jalo ba na le tsholofelo e ntsi gore lenaneo la ESP le tlaa thusa go tshela tsela eo sekonteri. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Moletemane
Event : Bokopano
Date : 23 Aug 2016






