Khansele e filwe boikarabelo
23 Aug 2016
Dikole tse dipotlana tsa kgaolo-potlana ya Palapye di santse di lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke didirisiwa di tshwana le dilwana tsa ntlo tsa barutabana le bana ba dikole, morago ga gore go itebaganngwe le go ntsha ditilo tsa ditshipi mo dikoleng, go di emisetsa ka tsa dipolaseteke.
Monongwaga mo kgaoganyong ya madi, khansele-potlana e ne e kopile go feta P3 million, mme ya bona fela P90 000 yo o tlhaelelang kgakala go ka diragatsa ditoro tsa kgaolo-potlana eo. A re madi ao a tlhaelela kgakala fela thata.
Ka go neela moithuti mongwe le mongwe selekanyo sa dibuka tsa P450 le gone fela jalo go retetse fa ba lebelela madi a ba a abetsweng monongwaga a a fetang P1 million fa go tshwantshanngwa le a ngwaga o o fetileng a a neng a feta P3 million.
Modulasetilo wa khansele-potlana, Rre Lesedi Phuthego o ne a re le fa go ntse jalo ba tsweletse ka go rekela dikole gase, dijeme, peanut butter, didirisiwa di tshwana le tse di phepafatsang, didirisiwa tsa dikole le manotonyana a dibuka le tse dingwe.
Modulasetilo Rre Phuthego o ne a supa fa e le boikarabelo ja khansele go isa bana metshamekong, le go ba fepa ka dijo, a re go sa ntse go le thata ka ba tlhaelelwa ke dipalamo, ga ba kgone go thapa tseo tsa beng go thusa ka mathata a letlhoko la madi, seo se bo se ba pateletsa go tsamaisa bana bosigo ka go fapaanela dibase tse di teng.
Mo go rekeleng bana borotho o ne a re go tsweletse sentle, le gone gore madi a a neng a a abetswe go rekela bana letlhafula a dirisitswe a bo a sala, mme a a setseng a tlaa reka ditswa temong tse di omisitsweng le maungo a a tswang mono gae.
Rre Phuthego o ne a supa gape fa lephata la boipelego la khansle le lebanwe ke go thusa batho ba mefuta e e farologaneng ba le 5 111, ba ba tshwanelwang ke go amogela tse di ba tshwanetseng e bile di ba lebanye kgwedi le kgwedi. A re go na le bana bao ba ba mo tlhokomelong ya khansele ka tsa dithuto tse dikgolwane, mme a re dipalo di supa fa ba kgonne go fetisetsa ba le 76 go ya go sekasekelwa go ya kwa mmadikole.
O ile a tlhalosa fa go na le dikole tsa bananyana mo kgaolong ya PAA di le 24, mo go tsone di le lesome le bosupa di kwadisitswe ka fa molaong fa tse dingwe di supa di sa kwadisiwa ka fa molaong mme di tsweletse ka go dira, a re ba leka ka bojotlhe go bona gore tseo tse di sa kwadisiwang di a kwadisiwa gore di dira ka fa malaong wa khansele.
Modulasetilo o ne a ama ntlha ya nyeletso lehuma a re go na le ditiro tsa mananeo ao di le 297, tse di kgonneng go direla batho tse ba ka itshetsang ka tsone ba le 311 mo kgaolong-potlana, mo go tsone tse di thusitsweng go felela di 163, fa tse 58 di thusitswe ka ditsompelo dingwe, tse 78 ga di ise di bone dithuso, mme tsotlhe fela go setse go dira di le 172, fa tse 67 di sa ntse di sa dire, tse11 di dira sentle thata, kwa ntle ga e le nngwe e go sa tlhomamisiwang seemo sa yone.
Modulasetilo Rre Phuthego o ne a supa fa madi a a fetang P5 million a abetswe ditiro tseo gore di tsweledisiwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 23 Aug 2016






