Breaking News

Boteti o a ithulaganya

23 Aug 2016

Mopalamente wa kgaolo  ya Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile banni ba kgaolo  eo  go  tsenya  letsogo mo mererong yotlhe ya  go ipelala  boipuso jwa  dingwaga  tse di masome a matlhano.

Mopalamente Lelatisitswe o buile jalo kwa moletlong wa  maitiso a mmino, o o  neng o rulagantswe ke  lephata la banana metshameko le ngwao le komiti ya Boteti  BOT50 o o neng o tshwerwe ka Matlhatso mo Letlhakane.

Mopalamente a re moletlo o ke nngwe ya ditiragalo tse di rulagantsweng e le bontlha bongwe jwa go ipelela boipuso jo bo  faphegileng   jwa dingwaga tse di masome a matlhano.

Rre Lelatisitswe o supile gore maitiso a a mmino a tshwerwe lefatshe leno  ka bophara. A tswelela  ka gore maitiso a a okile   badiragatsi  ba mmino ka go farologana  ba le masome a mararo le borataro ba ba  tswang mo kgaolong yotlhe ya Boteti ka bophara le badiragatsi ba ba natefisang letsatsi ba ba akaretsang Latim,Culture Spears le Molesho.

Mogolwane wa lephata la metshameko le ngwao mme Chidza Malapela  o boletse  gore moletlo o ke o o faphegileng ka jaana ke lantlha o diragala, a tlhalosa fa e tlaa re  mo ngwageng o o tlang o bo o ntse o le teng e bile o godile .

Mme Malapela o ne gape a tlhalosa gore ba phuthile banana bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la banana go tla go supa ditiro tsa bone.

E rile a leboga, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ntebogang Kgosi a re boipuso  bo atametse ka jalo a kopa morafe go ema nokeng dithulaganyo tsotlhe tsa jone.

Rre Kgosi a re boipuso jwa monongwaga ke jo bo faphegileng ka jalo bo nna le ditiragalo tse dintsi tse di  tlhokang  seabe se se ko godimo sa mofare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Moletlo

Date : 23 Aug 2016