Breaking News

Ba amogela molelo wa kgolagano

23 Aug 2016

Banni ba kgaolo ya Kweneng, mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, ba amogetse molelo wa kgolagano ka boitumelo jo bogolo.

 Erile a amogela molelo wa kgolagano kwa motseng wa Mantshwabisi, Kgosi Dikabelo Tsiang, a tlhalosa fa a amogela molelo o ka tsholofelo ya gore o ba tsiseditse lesedi mo motseng wa bone.

Kgosi Tsiang o tlhalositse fa lesedi le e le la kgolagano, a bo a supa fa Modimo e le ene a tsisitseng lesedi le tshwaragano. 

 Kgosi o kopile morafe go tshwara mowa wa kagiso o batsadi ba bone ba o ba tlogeletseng gore dikokomane tsa bone ba e fitlhele.

Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Mme Tlotlo Mohurutshe o ne a supa fa puso ya batho ka batho, popagano, ditlhabololo le go ipelega, e le tsone tse di agileng lefatshe la Botswana.

Mothusa molaodi o supile gape fa ngwao ya botho e leretse Batswana botlhe seriti, a bo a gwetlha Batswana botlhe go tlotlomatsa mowa wa bommogo. 

Fa ba tlhalosa ka ditso tsa sekole a supa fa pele ga ngwaga  wa  1967, ba aga ntlo ya Setswana e ba neng ba rutela mo go yone, mme e ntse e gone ka ngwaga oo ba agelwa ntlo ya borutelo ya ntlha mo sekoleng sa Mantshwabisi.

O boletse fa sekole se ne se amogela bana ba Serinane, Maanege le Mapharangwane.

Fa ba tlhalosa ka ditso tsa motse wa Malwelwe,  Rre Onngathetse Moshobore o tlhalositse fa lefatshe la Malwelwe le ne le tletse ka diphologolo le maungo a morama, mme ba ne ba lemoga fa e le la Baiphisi, mme ba le kopa mo go lone.

O tlhalositse fa erile Baiphisi ba sena go ba abela lefatshe le, batho ba Malwelwe ba tsosa mherehere ba lwela morama, ke ka moo ba neng ba felela ba bitsa motse o ba re ke Malwelwe.

O boletse fa mo tsamaong ya nako, ba ne ba kopa Rre Ishmael Kablay go ba epela sediba ka jaana ba ne ba sena metsi, o boletse gape fa erile Rre Kablay a sena go ba phunyetsa sediba, batho ba bo ba fuduga kwa masimong ba aga mo motseng wa Malwelwe.

Mopalamente wa kgaolo Rre Liakat Kablay, o supile fa Rre Tobe Satsebe, a ne a kopa rraagwe go aga lebentlele mo motseng wa Malwelwe, ka jaana batho ba motse oo ba ne ba latela mabentlele kwa motseng wa Ngware le Botlhapatlou.

O tlhalositse fa Rre Ismael Kablay a ne a tle a tseye  batho ba Malwelwe go ba isa kwa Botlhapatlou go ya go reka kwa lebentleleng la gagwe ka koloi ya gagwe, a re ka dinako tse dingwe koloi eo e ne e tle e senyegele mo nageng, mme bangwe ba batho ba ba pegileng ba tlogetse bana ba ba anywang, ke ka moo koloi eo e neng ya bidiwa Kgwisangwana.                                                                                              

Fa a  tlhalosa ka ditso tsa sekole sa Malwelwe, Rre Victor Mokgwaphe, o ne a bolela fa sekole seo se simolotse ka ngwaga wa 1977 ka fa tlase ga setlhare sa Mohata.

O tlhalositse fa e ne e le ene a neng a ithaopile go ruta bana, mme a ne a palama setlhare seo fa a phutha bana, a bo a kua a palame, ba bo ba bitsa sekole seo ba re Palamaokue.

O tlhalositse fa sekole se ne sa fuduga fa setlhareng seo sa fudugela kwa kerekeng ya N+C, ba direla gore bana ba ba tswang kwa motseng wa Maratswane ba seka ba tsamaya sekgele se se telele, mme ka nako eo ba fetola leina la sekole ba se bitsa Makgasa.

O tlhalositse fa sekole se sebotlana sa Malwelwe se ne sa agiwa ka ngwaga wa 1982, mme ba fuduga kwa kerekeng go ya sekoleng se sesha ka ngwaga wa 1983.

Molelo o ne wa tsamaela kwa motseng wa Maratswawane, kwa go tlhalositsweng fa motse oo o biditswe leina leo ka o thaegile kwa mogobeng wa Letlapeng, a supa fa diphologolo di ne di le dintsi thata mo lefelong le, mme go sena ope yo a o itseng, mme erile fa ba tla go o lemoga, ba fitlhela marapo a mantsi a diphologolo tse di suleng.  Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 23 Aug 2016