Breaking News

Autlwetse o gomotsa badiri

23 Aug 2016

Mothusa  tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse a re fela jaaka babereki, go tswalwa ga kompone ya diteemane  (TMC) go ba tshoganyeditse e le puso. 

O buile se fa a ne a buisa babereki ba pele ba kompone eo kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng ka Labotlhano kwa Serowe.

A re seru se se ba wetseng se utlwisa botlhoko. 

O bile a supa gore ba ne ba kopana go bona gore ga go na se se ka dirwang gore madirelo a o a se tswalwe.

Rre Autlwetse a re e le puso  ba ne ba kopana le bogogi jwa kompone  kwa Gaborone go tla go utlwa gore ba ka tswa ba na le mathata a eng, mme ba supa fa go le turu go tsamaisa  kgwebo ya mofuta o mo Serowe e bile ba sa tlhole ba na le kgatlhego. 

Mothusa tona a re fa ba sa ntse ba le mo dipuisanong le ba kompone eo, ba lekgotla la babereki ba meepo ba Botswana Mining Union ba bo ba isa kgang kwa kgotla tshekelong, ka jalo a supa fa ba ka seke ba ame dikgang dingwe ka di le  fa pele ga lekgotla. 

Rre Autlwetse a re ntswa ba ne ba dira maiteko, a go okela kompone e e neng ya supa kgatlhego go ka tsweledisa madirelo, ka maswabi ba kompone  ya TMC  ba rekisa  lefelo leo  ka jalo maiteko a bone  a itaya sefololetse ka ba ne ba sena lefelo le ba ka tlang ba direla mo go lone.

E re dikgang di eme jalo, bangwe ba babereki ba pele ba supile fa puso  e ne e ba itlhokomolositse go fitlhelela ba isa kgang ko pele. 

Ba supile fa ba na le dikgwetlho tse di tshwanang go  sa tshidisiweng sentle ke dibanka tse ba adimileng madi mo go tsone ka go ba tshosetsa ka go ba gapela dithoto.

     Ba ile ba kopa  Rre Autlwetse go ba buelela le ba  dibanka go emisa merokotso.

E rile a tswa la gagwe mothusa tona a ba raya a re fa motho a adima madi mo dibankeng  banka e  sireletsa madi a ba a tsayang  gore fa motho a ka tlhokafala kana a senyegelwa ke tiro tshireletso eo e bo e duela sekoloto seo. 

O ne a ba rotloetsa go tsibogela mananeo a puso go itshetsa ka puso e ka seke e kgone go thusa batho botlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 23 Aug 2016