Breaking News

Ba rotloetsa thuto

22 Aug 2016

E re ka puso e ikuela mo go ba ba nang le seabe mo thutong go tshwaraganela thuto, ba Lerala ga ba ipone tsapa.

Ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala mo motseng wa Lerala e tshwaragane le bagwebi ba motse ba gatetse pele ka go bona gore ba ka rotloetsa thuto jang mo dikoleng tse dipotlana le se segolwane sa motse.

Mo potsolosong, mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Oageng Modikwa o boletse fa ba simolodisitse mokgatlho o o itebagantseng le go bona ditsela tsa go busetsa serodumo sa thuto.

A re mokgatlho oo, o o bidiwang Lerala Business Association o simolotswe mo ngwageng e e fetileng mme o rotloetsa baithuti go nna le mowa wa go gaisanya.

A re baithuti ba a gaisanya mme ba ba tshwereng matshwao a 80% go ya kwa godimo ba fiwa dimpho go ya ka dithuto ka go farologana setlha sengwe le sengwe sa ngwaga. A re ba bangwe ba ba fiwang dimpho go akaretsa yo o dirileng botoka mo maduong a gagwe fa go tshwantshanngwa le maduo a a fetileng (most improved) le yo o gaisitseng. 

A re ba ba tsereng letshwao la merit ba isiwa kwa mafelong ka go farologana go ya go ithuta ka tse di farologaneng.

A re fela jaaka puso ba tshwenyegile thata ka go wela tlase ga thuto ya lefatshe leno mme ba bona go tshwanela gore ba tsenye mowa wa thuto mo baithuting.

Rre Modikwa a re motse wa Lerala o na le dikole tse dipotlana di le tharo le se segolwane se le sengwe mme tsotlhe di a tlhobaetsa ka maduo a tsone a wetse tlase. O tsweletse a re fa esale ba simolola mokgatlho wa bone maduo a supa fa a tokafala ka baithuti ba a gaisanya.

Erile bosheng, baithuti ba ba neng ba dirile sentle mo setlheng sa ngwaga se se sa tswang go feta ba ne ba etela kwa molelwaneng wa Martins Drift kwa ba fetileng ba rutiwa ka ditsamaiso tsa molelwane.

Ba ne ba ithuta ka maphata a kgethiso dithoto le la tsa mesepele le boagedi le gore a dira tiro e fe kwa melelwaneng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Potsolotso

Date : 22 Aug 2016