Seretse o itumelela banana ba Lentsweletau
22 Aug 2016
Loeto lwa tona ya peeletso papadi le madirelo Rre Vincent Seretse kwa motseng wa Lentsweletau le itemogetse kgatelopele e kgolo segolo jang mo mananeong a tlhabololo matshelo a batho ba magae kwa kgaolong ya Lentsweletau/Mmopane.
Tona o lebogetse kgatelopele ya mananeo a banana kwa motseng wa Lentsweletau le tikologo mo kgaolong eo bosheng koo a ileng a akgola le go rotloetsa maiteko a a nametsang a banana ba ba tlhagafaletseng go fetola matshelo a bone ka dithuso tsa mananeo a puso.
Monana wa temo ya merogo kwa kgaolong eo Mme Ouma Dube a re e re ntswa temo ya gagwe e e fatlhogang e tla e kopana le dikgwetlho, di tshwana mmaraka le dibetso tsa tlholego tse di akaretsang segagane, ga di aka tsa mo kgoba marapo, mme o tsweletse ka go nna moko o thata ka tsholofelo ya gore nako nngwe o tlaa bo a fitlheletse ditoro tsa gagwe.
Mme Dube, yo a nang le dithuto tsa digarata mo tsamaisong ya kgwebo le dipalo a re e re ntswa kgwebo ya gagwe ya merogo e tla e kgorelediwa ke dikgwetlho tse a senang taolo mo go tsone, o sa ntse a na le tsholofelo mo go e boneng e gola.
Mongwe wa banana ba kgwebo ya bone e kgatlhisang leitlho ke morui wa dihutshane kwa masimong a Ditshoso gaufi le motse wa wa Lentsweletau, Rre Phenyo Kgabung ka go tlhalosa gore, e re le ntswa a kile a kopana le dikgwetlho tsa go swa ga dipodi kwa ntlheng, o moko o thata ka seemo se ne sa boela mannong e bile a le pelo tshweu ka kgolo ya kgwebo ya gagwe e setseng e kgona go ntsha dipoelo.
A re o na le tsholofelo ya go bona botshelo jwa gagwe bo fetogile thata ka jaana a tsweletse ka go bona kgolo ya dipalo tsa dipodi mo e bileng a setse a simolotse go duela madi a puseletso a a neng a thusitswe ke ofisi ya banana ka one pele ga lobaka lo a lo neetsweng go ka simolola go duela.
Rre Kgabung yo o nang le bogole o tlhalosa fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka go thusiwa ke ba LIMID pele ga a e godisa ka lenaneo la dikadimo tsa madi la banana la (YDF).
Mongwe wa banana ba Lentsweletau, Mme Sehudi Keoitse, a re o rotloetsega go dira ka natla go itepatepanya le dikgwebo tsa moriri tsa kgaolo eo tse a phadisanyang natso ka go tlhomamisa gore o ntsha ditirelo tsa boleng le ka nako go kgotsofatsa barotloetsi ba kgwebo ya gagwe.
Tona Seretse yo a bileng a le mopalamenete wa Lentsweletau/Mmopane, mo loetong lwa go lekola mananeo o ne a nna le sebaka sa go bontshiwa matlo a le lesome le motso le e le nngwe kwa motseng o o agilweng ke ba kompone ya Botswana Housing Corporation a maikaelelo a yone e leng go tokafatsa seemo sa boroko jwa badiredi mo dikgaolong.
Mogolwane wa kompone eo, yo o tlhokometseng thulaganyo ya kago ya matlo ao mo kgaolong ya Lentsweletau/Mmopane Rre Thebeyame Abotseng o tlhamisitse fa ba simolotse go aga matlo a le lesome le motso kwa Lentsweletau le a le mabedi kwa Hatsalatladi a dikamore tse pedi tsa boroko ka madi a a fetang didikadike tse pedi.
A re thulaganyo eo maikaelelo a yone ga se fela go itebaganya le go thusa go tokafatsa seemo le tlhabololo ya boroko jwa badirelapuso mme gape e thusitse le mo tlhabololong ya itsholelo ya matshelo a banana bao ba nnileng le seabe mo kagong ya matlo ao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Lentsweletau
Event : Phuthego
Date : 22 Aug 2016






