Breaking News

Dikgang tsa bogosi di a tshwenya

22 Aug 2016

Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re dikgang tse di amanang le bogosi di a tshwenya mme di atile thata mo lefatsheng leno mo malatsing a gompieno.

Kgosi Segotsi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Palla Road ka Mosupologo.

A re  motse oo,  o setse o sena kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele ka 2014.

O tlhalositse fa go ne ga tshwarwa dipuisano go rerisana le motshwarelela bogosi ja ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane ka go tlhoma kgosi e nngwe kwa motseng oo.

O boletse fa banni ba motse oo ba ngongoregela gore go setse go tsere lobaka ba sena kgosi, mme e bile jaanong ba batla go itlhophela kgosi e e leng ya bone. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o boletse gore Kgosi Kgamane a re fa banni ba ka tshwara ditlhopho mo kgotleng tsa go tlhopha kgosi, jaanong banni ba tlaa bo ba sa tsepama mo tsamaisong ya bogosi.

O gakolotse banni go leba leba ngwana mongwe wa bone yo ba ka mo romang go nna kgosi, ba tsise leina la gagwe ko go ene Kgosi Segotsi, yo ene a tlaa le isang ko go Kgosi Kgamane go le tlhomamisa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Aug 2016