Mapodisi a Ramatlabama a tshegeditse mmelaelwa
22 Aug 2016
Mookamela mapodisi kwa Ramatlabama, Superintendent Tendai Mojumi, a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o belaelwang mabapi le loso lwa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro yo o fitlhetsweng a tlhokafetse mo thoko ga tsela kwa motseng wa Ngwatsau.
Mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA, Superintendent Mojumi a re mmelaelwa o tlholega kwa motseng wa Sheepfarm fa moswi a tlholega kwa Ngwatsau.
O tlhalositse fa ba begetswe ka tiragalo eo kgwedi eno e tlhola lesome le motso ke bafeti le tsela mme moswi a fitlhetswe ka dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme a ragogedisiwa kwa kokelong e potlana ya Good Hope go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa ba fetileng ba rurufatsa fa a tlhokafetse.
A re mmelaelwa go supagala e le ene motho wa bofelo go bonwa a na le moswi ka jaana go tlhalosiwa fa bobedi joo bo ne jwa tlhoka kutlwisisano ka nako ya fa ba itisitse kwa marekisetsong a bojalwa.
Superintendent Mojumi a re mmelaelwa o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata.
E re dikgang di eme jalo, Superintandant Mojumi a re ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone go fitlhetsweng lesea le le neng le sa tswa go belegwa le phuagantswe.
A re ba begetswe tiragalo eo ke batho ba ba selang matlakala mo motseng morago ga go hupediwa ke monko o o sa tlwaelesegang. A re lesea leo, le ne la isiwa kwa kokelo potlaneng ya Good Hope kwa ba rurifaditseng fa le tlhokafetse.
Superintendent Mojumi o ikuela mo setshabeng go ba thusa go ba batlisa mma lesea leo.
E ntse e le dikgang tsa kgaolo ya Good Hope-Mabule, mothusa mookamela mapodisi a Phitshane Molopo, Assistant Superintendent Benjamin Modimoosi, a re ba tlhotlhomisa kotsi ya koloi ya ba sesole e e pitikologileng mo tseleng fa ga re ga metse ya Mabule le Leporung.
A re koloi eo, e ne ya thunya leotwana mme ya latlhegelwa ke taolo e bo e pitokologa.
Assistant Superintendent Modimooosi, a re koloi eo, e ne e pegile bapalami ba le batlhano ba ka lesego ba falotseng kwa ntle ga dikgobalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 22 Aug 2016






