Batsadi ga ba itumelele maduo a bana
22 Aug 2016
Batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng se se botlana sa Mmusi ba supile matshwenyego ka maduo a a sa itumediseng a bana ba bone.
Batsadi ba supile matshwenyego ao mo phuthegong ya batsadi le barutabana ka Labone,morago ga tekodiso ya maduo a bana e ba neng ba e rolelwa ke barutabana ba sekole seo.
Ba boletse fa sengwe se ba se lemogileng se se bakang kwelo tlase ya maduo a bana ke go fetolwa ga barutabana mo ditlhopheng tsa bana mme ba ne ba kopa bagolwane ba sekole seo gore ke eng barutabana ba sa letlelelwe go ruta setlhopha se le sengwe dingwaga di le tharo ka go latelelana go na le go ba neela morutabana yo mosha ngwaga le ngwaga.
Batsadi ba ne ba supa gape gore mo gongwe go dirwa ke go ntsha barutabana mo sekoleng ba isiwa ko dikoleng tse di farologaneng ba tlhalosa fa seo le sone se na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a bana.
Fa a ba kgwa kgaba, mogokgo wa sekole seo Mme Seabi Moreti o ne a tsibosa batsadi gore dikgang tse di tshwanang le tsa go ntsha barutabana ba isiwa ko dikoleng tse dingwe ga di mo taolong ya bone mme ke tsa lephata.
O boletse fa bogologolo morutabana a ne a kgona go ruta bana a simolola le bone ko mophatong wa ntlha go ya ko pele mme mo bogompienong go fetogile ga go sa tlhole go tshwana le pele.
Le fa go ntse jalo mogokgo o ne a kopa batsadi go thusa barutabana ka dithuto tsa bana a supa gore fa ba ka tshwaragana le bogogi jwa sekole, maduo a bana a tlaa tokafala a tlatsa ka gore le go iponatsa mo sekoleng batsadi ga ba dire jalo.
O boletse fa batsadi ba na le tetla ya go tla mo sekoleng go tla go bona gore bana ba bone ba dira jang le go tla go thusa fa ba kgonang teng.
Mogokgo o ne gape a bua a sa kgwe mathe ka bana bangwe ba a tlhalositseng fa ba dirisa ditlhapa tse di tsitsibanyang mmele mo baneng ba bangwe le mo barutabaneng tota mme o ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba ba dirang jalo.
E ne ya re a tswa la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Felicia Moahi o ne a leboga batsadi ba ba neng ba tsile ko phuthegong eo ka makatlanamane.
A re diphuthego tsa batsadi le barutabana di botlhokwa fela thata a supa gore ke yone nako e mo go yone e ba sekasekang dithuto tsa bana gore di tsamaya jang le go bona gore ba ka tokafatsa fa kae.
Mme Moahi o ne a supa fa ba leka ka bojotlhe go tokafatsa maduo a sekole sa bone mme o ne a kopa batsadi gore ba thuse bana fa ba filwe tiro ya sekole go ya go e dira ko malwapeng a tlhalosa fa bangwe ba na le mokgwa wa go kwalela bana dikarabo go na le gore ba ba thuse mme o ne a ba kopa go emisa mokgwa oo.
Le fa go ntse jalo o ne a supa fa bana ba mophato wa reception ba dira sentle a tlhalosa fa ba na le tshepho ya gore ngwaga o o tlang fa ba simolola mophato wa ntlha ba tlaa bo ba sa tshwenye thata.
Mo go tse dingwe o ne a supa fa bana ba sekole seo ba dira sentle thata mo metshamekong a tlatsa ka gore ba na le ngwana a le mongwe yo o dirileng sentle thata mo motshamekong wa chess mme o ne a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng mo go tsa metshameko.
Fa ba wetsa phuthego eo, barutabana ba ne ba dumalana le batsadi gore le bone ba seka ba salela kwa morago mo boipusong jwa ngwaga ono jo bo faphegileng mme ba ne ba dumalana gore le bone ba bo keteke le bana ba sekole seo ka go ikgobokanyetsa madi ba bo ba reka tse di tshwanetseng gore ba tle ba ipuse le baithuti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Phuthego
Date : 22 Aug 2016






