Breaking News

Mosadi o tlhabilwe ka sengwe se se bogale

22 Aug 2016

Mookamela mapodisi a e seng a seaparo (CID) mo Tsabong mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa,   Assistant Superintendent Albert Moeng a re mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi mongwe  wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe a tlhokafetseng morago ga go tlhabiwa ka sengwe se se bogale. 

Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang bosheng, Assistant Superintendent Moeng o tlhalositse fa tiraglo eo e diragetse kgwedi eno e le lesome le bone ka Sontaga motshegare.

Assistant Superintendent Moeng o boletse fa monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa go bolelwa a ne a latela mosadi yoo kwa lwapeng lwa bone yo o neng a na le kgaitsadie a mo tlhasela mme a mo tsatsanka ka sengwe se se bogale.

Mookamela mapodisi a CID mo Tsabong o supile fa kgaitsadie a ne a ya go begela mapodisi tiragalo eo mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.

A re mo nakong ya gompieno serepa sa moswi se mo setsidifatsing sa sepatela seo le gore ba bongaka ba setse ba se  tlhatlhobile le go se rebolela batsadi go se boloka.

Assistant Superintendent Moeng o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo monna yoo a inaya naga ka dikakanyo tsa go batla go ikgapela botshelo mme ga retela.

Rre Moeng o boletse fa mapodisi a ne a latela monna yoo go fitlhelela ba lemoga fa a tlodile terata ya  molelwane wa  lefatshe la Afrika Borwa ka o bapile le motse oo.

O supile fa ba ne ba ikgolaganya le mapodisi a lefatshe leo a kaya fa  mo nakong ya gompieno ba setse ba mo tshwere a le mo diatleng tsa bone.

Mookamela mapodisi o kaile fa go belaesega fa bobedi joo jo bo tlholegang  mo kgotleng ya Boikhutso kwa motseng wa Maralaleng ba kile ba ratana mo nakong e e fetileng.

A re  ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le  se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Assistant Superintendent Moeng o ne a supa fa dikgang tsa dipolaano tsa baratani di ba tshwentse e le mapodisi  thata mo kgaolong ya Kgalagadi  bogolo jang kwa motseng wa Tshane, Kang le Werda. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Maralaleng

Event : Potsolotso

Date : 22 Aug 2016