Breaking News

Terata ya molelwane e kganela loruo

22 Aug 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone e bile e le mothusa tona ya temo-thuo,Rre Kgotla Autlwetse o kopile Batswana gore ba seka ba ipolelela gore terata e e kgaolang molelwane wa lefatshe leno ke ya ga goromente fela.

O buile seo kwa phuthegong e neng e tshwerwe kwa kgotleng ya gooKonyana le Maiketso kwa Serowe bosheng. Rre Autlwetse a re terata e e kgaolang molelwane wa Botswana le mafatshe a a mabapi e thusa fela thata ka go kganela leruo la rona gore le seka la ya kwa mafatsheng a sele e bile go thusa gore leruo la rona le seka la tsaya malwetse a a kwa ntle ga lefatshe leno.

Tona o ne a re o utlwisiwa botlhoko ke go bona Batswana bangwe ba e reng   fa ba bona terata e ole motho wa bone a bo a feta fela a sa dire sepe ka go ipolela fa seo e le tiro ya puso go e baakanya. 

O ne a re terata ya molelwane ke boikarabelo jwa botlhe a kopa Batswana go nna le seabe mo go tsoseng terata.

O ne a tlhalosa gore go itlhokomolosa terata go lopa madi a mantsi ka go lwantsha bolwetse fa bo tsene leruo, ke ka seo botlhe ba tshwanetseng go tsibogela bothata jwa terata.

Mothusa tona o ne a  kgothatsa barui gore ba tsenye dikgomo tsa bone manyena a  ditsebe (ear tag) ka go tlhofofatsa go latedisa gore kgomo ke ya ga mang,gape le gore fa kgomo e bakile kotsi go kgone go latediswa mong wa yone motlhofo, le gone go tlhofofatsa go lwantsha bolwetse fa bo tlhagile.

Rre Autlwetse o kopile setshaba go tlhokomela leruo la bone e bile ba tseye temo-thuo ka tlhwaafalo ka ke yone e thusang lefatshe leno ga mmogo le go fetola matshelo a bone, a kgothatsa  banni gore ba seka ba inyatsa ka ba na le bokgoni  jwa go itirela ka diatla tsa bone.

Kgosi ya Kgotla ya gooKonyana Rre Molete Moithupi fa a amogela Rre Autlwetse le badirela puso ba Serowe, a tlhalosa fa ba na le matshwenyego mo kgaolong ya bone ka ba sena matlo a boitiketso le leobo mo kgotleng ya bone. O ne a re ntswa ba leka go itirela tseo di supafetse fa di se motlhofo.

 Rre Moithupi o ne a lela ka ditsela mo kgaolong ya bone, a re  fa pula e sena go na dikoloi ga di kgone go tsamaya ka gore mmu wa bone o seloko gape go kgoreletsa bana go ya dikoleng ka tsela  e sa tsamaege. 

Are go na le bagodi bangwe ba ba sa phakisiweng dijo,ka go sekasekiwa ga seemo sa bone go tsaya lobaka, a re kgang e, e tlhoka go potlakelwa bogolo jang go lebilwe seemo sa bone.

Rre Gaeelwe Kennekae yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Maiketso o ne a re ba na le matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a le lesome le bone  mme a supa fa batho ba ba nnang mo go one ba sa duele  sentle. 

A re go dira jalo ga go a siama ka gore matlo a,a tshwanetse go ikoketsa ka madi a a duetsweng ke bahirisi e bile madi a teng ke one a ka thusang go tsenya motlakase le go a baakanya tota fa go senyegileng teng.

O kopile gore go nne le tsela nngwe e e dirang gore fa  motho a sa duele sentle go bo go tsenngwa motho yo o ka duelang sentle,a leboga tona gore a bo a tsere sebaka go tla go ba lekola, ka go ba thusa gore ba mo lekodise le go mo tsaya matshwenyego a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepiso Botshelo

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 22 Aug 2016