Breaking News

Mananeo a tlhoka tshipidi tonto

22 Aug 2016

Bontsi jwa batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba dumela thata mo go reng gore ditiro tsa bone di gatele pele, bodiredi jo bo tsamaisang mananeo ao le banale seabe ba nne ba etela le go tlhodumela ditiro tsa bone.

Mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga bosheng, e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go dikologa lefatshe leno go tlhodumela ka fa mananeo a dithuso a tsweletseng ka teng, bontsi jwa bao ba ba thusitsweng ka mananeo ba ne ba supa bodiredi ka monwana, ba re ga ba nke ba ipha matsapa a go ba etela go tla go ba thusa ka dikgakololo tebang le go tsamaisa ditiro tsa bone.

Ba re ka ntlha eo, mananeo a bone ga a tswelele sentle mme seo ke moka madi a puso a tshetsweng mo metlhobodikeng.

Mme Taboka Teko o ne a kgala thata mokgwa oo wa gore e re motho a sena go thusiwa ka lenaneo lengwe, a bo a solofela go nna a setswe morago go dira tse a tshwanelwang ke go di dira mo tirong ya gagwe.

 Mme Teko a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa puso e dule ka mogopolo wa go tlhama mananeo ao go leka go ba thusa go ba tlodisa melatswana e tletse, ka jalo le bone ba tshwanetse ba ikitaya ka thupa go dira sengwe go leka go tlhabolola le go godisa ditiro tsa bone gore di ba thuse go inoga mo lehumeng.

A re go a makatsa gore e re ba sena go thusiwa ba bo ba nna moriti o tsididi, ba lebile gore bodiredi bo tla ba thusa ka sengwe le sengwe se se ka nnang le seabe mo go tswelediseng ditiro tsa bone.

Mme Teko a re ka tshwanelo mongwe le mongwe o tshwanetse a supa lorato mo tirong ya lenaneo le a le kopileng, a re ba latlhe mokgwa wa go tsenya moko dinameng fela fa ba tlhomilwe leitlho ke banale seabe.

O tlhalositse fa go dira ka botswapelo mo tirong ya gagwe go mo thusitse go menagane ka jaana kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile a kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe le go itirela dingwe tsa botshelo.

Mongwe wa ba ba thusitsweng ka fa tlase ga lenaneo la banana, Mme Shathiso Major, yo kgwebo ya gagwe e leng ya go roka dikobo ene o ne a ikuela ka dikgwetlho di le mmalwa tse di amang kgwebo ya gagwe.

Mme Major a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke tsa letlhoko la mmaraka, a tlhalosa fa dikgwebo tsa batho ba China a diga dikgwebo tsa bone.

E re ka jaana bangwe ba ne ba supa fa tiego ya go duela bao ba ba rekisetsang baikopedi ba nyeletso lehuma dihutshane le tse dingwe, e le sengwe se se bakang gore mananeo a nne bonya, fela molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela o ne a bolela fa seo jaanong e tlaa nna selo sa maloba ka jaana ba ipeetse seelo sa gore ba duele bao ba ba rekisetsang mananeo a nyeletso lehuma mo malatsing a le supa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Aug 2016