Breaking News

Lephata la metsi le a tshela - Thabeng

22 Aug 2016

Mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi (Water Affairs) Rre George Thabeng  o itsisitse banni ba metse ya Sefhare/ Ramokgonami  fa lephata la gagwe le sa ntse le le teng e bile go na le ditirelo tse dintsi tse le di ntshang.

Fa a bua bosheng kwa lephata leo le neng le kopane le banaleseabe go ba itsise ka maitlamo le ditirelo tsa kompone ya metsi ya Water Utilities, Rre Thabeng  a re ntswa go ne ga diragala diphetogo dingwe tsa gore lephata la gagwe le emise ditirelo dingwe tse le neng le di dira mme tsa isiwa kwa go ba Water Utilities Corporation,  ditirelo dingwe le tsweletse ka go di dira.

Ka jalo a re bangwe ba na le go nna le ketsaetsego ya gore lephata la Water Affairs ga le sa tlhole le le teng.

O tlhalositse fa ba lephata la Water Affairs ba na le tiro ya bone e ba e dirang le ditirelo dingwe tse banni ba ka di tlhokang.

A re kanoko ya lenaneo legolo la setshaba la phatlalatso metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo.

O tsweletse a re morago ga dikanoko tse, go ne ga gakololwa gore Water Utilities Corporation e tseye tsamaiso yotlhe ya go nosa lefatshe leno metsi.

Rre Thabeng a re lephata la gagwe le lebagane le ditogamaano tsa metswedi ya metsi le tsamaiso ya metsi go balelwa le go dirwa ga matamo.

Moitseanape wa metsi a a kwa tlase ga lefatshe, Rre Alfred Petros o ne a tlatsa ka gore lephata la bone ga le a itebaganya fela le metsi a a mo lefatsheng mme ba itebagantse gape le moalo wa metsi a a kwa tlase ga lefatshe.

A re ba dira dipatlisiso ka metsi a a kwa tlase ga lefatshe gore a a a oketsega kgotsa a a fokotsega le diphetogo dingwe tse di diragalang mo go one.

Rre Petros a re go botlhokwa thata go ela tlhoko seemo sa metsi a a kwa tlase ga lefatshe ka go na le mafelo mangwe bogolo jang metse e mennye le e metona e e nwang metsi ao.

Le fa go ntse jalo, Rre Maina Bolokwe yo le ene a tswang kwa lephateng la Water Affairs o ne a bolela fa metsi a le botlhokwa thata e bile e le konokono mo go tlhabololeng motho. 

Rre Bolokwe a re lephata la Water Affairs gape le itebagantse le go bona gore a boleng jwa metsi ke jo bo siameng le gone go a somarela le gone go itebaganya le tsamaiso ya metsi a a setseng a dirisitswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Sefhare

Event : Bokopano

Date : 22 Aug 2016