Maele o rotloetsa banni go kwadisa ditsha
21 Aug 2016
Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, o gwethile banni ba Maun go dirisa sebaka sa kwadiso ya ditsha mahala e e tlaa welang ngwaga ono o fela.
Tona Maele a re go kwadisa ditsha go neela setsha sengwe le sengwe letshwao le le faphegileng.
Rre Maele o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Maun bosheng, a tlhalosa fa ba ba tlaa kwadisang ditsha ngwaga oo tlang wa 2017 ba tlaa lefisiwa P10 000.
A re lephata la kabo ditsha le tshwentswe ke tshenyetso setshaba mabapi le ditlankana tsa ditsha ka jalo a re ba mo lenaneong la go tokafatsa ditlankana tsa ditsha gore di nne thata go ka itirelwa ke dirukutlhi.
Rre Maele a re Batswana ba thantse lo le tsebeng ka go supafala fa lefatshe le le nonneng le le mo diatleng tsa batswakwa.
A re Batswana ke gone ba itharabologelwang nako e setse e ile, ba lemoga botlhokwa jwa go nna le ditsha mo mafelong a go nna jalo.
Le fa go ntse jalo, Rre Maele o ne a gakolola Batawana le Batswana ka kakaretso go somarela lefatshe, ba emise go rekisa bonnye jo ba bo abetsweng ke ba kabo ditsha.
Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi, a re Batawana ba tswa kgakala ba lwela gore mafelo a bone a a mo makgobokgobong a boele mo diatleng tsa bone mme lephata la kabo ditsha le sa ba tsee tsia.
Rre Moremi one a tlhalosa fa konokono ya lekgotla la kabo ditsha e le go thusa ka tshomarelo ya lefatshe mo boemong jwa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Aug 2016






