Kgosana ya tetlanyo e tlaa kiba ngwaga tse tlhano
21 Aug 2016
Kgosana ya tetlanyo kwa Mabutsane mo kgaolong ya Borwa, David Pule, o atlholetswe dingwaga di le tlhano mo kgolegelong morago ga go bonwa molato wa bogodu jwa leruo.
E rile ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2014, Pule a utswa dikgomo di le thataro mo go Mme Dolly Mapere mme a di rekisetse puso ka P20 000.
Dikgomo tseo di ne di filwe Mme Mapere ka lenaneo la go thusa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo.
Mmueledi wa mosekisiwa, Rre Phenyo Sekape, o ne a kopa gore lekgotla le rekegele dingwaga tsa mosekisiwa le gore o na le boikarabelo mo setshabeng ka jaana e le kgosana.
O ne a kopa lekgotla gore le lebe ntlha ya gore ke lantlha mosekisiwa a dira molato mme e bile ke ene a tlhokomelang lelwapa la gagwe.
Godimo ga moo, Rre Sekape o ne a kopa gore mmakaseterata a seka a gagamaletsa mosekisiwa setoropo ka jaana a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka dikgomo di buseditswe mong wa tsone.
Mosekisi wa kgang eo, Rre Edwin Supang o ne a supa fa se mosekisiwa a se dirileng e le matlhabisa ditlhong ka jaana a na le boikarabelo jo botona mo morafeng.
A re o tshwanetse go ka bo e le sekao mo setshabeng se se solofelang go le gontsi mo go ene.
E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Odirile Mokgatle a re ere le ntswa a lemoga ipobolo ya gore mosekisiwa ke motho yo motona e bile ke lantlha a dira molato, bogodu jwa leruo ke molato o o kwa godimo mme e bile katlholo e tshwanetse go nna maleba mo go mosekisiwa ga mmogo le molato o a o dirileng.
A re go tlhabisa ditlhong gore mosekisiwa ele motho yo setshaba se nang le tshepho mo go ene a bo a utswela motlhoki yo o thusitsweng ka lenaneo la puso.
Mme Mokgatle a re bosupi jo bo beilweng lekgotla pele bo supa fa mosekisiwa a ne a neela mongongoregi sekete le dipula di le makgolo a matlhano (P1500) e le phimolo dikeledi ka nako e nneng monongoregi a batla dikgomo tseo.
Mo godimo ga moo, mmakaseterata o ne a ela tlhoko ntlha ya gore mosekisiwa o ne a leka go reka mongongoregi ka dikgomo tse pedi gore a tsholole kgang kwa mapodising.
Le fa go ntse jalo, o ne gape a re lekgotla le lemoga fa mosekisiwa a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka jaana dikgomo tse a neng a di utswile di ne tsa busediwa mongongoregi, ka jalo a mo atlholela kotlhao e e kwa tlase ya molato oo ya dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Tsheko
Date : 21 Aug 2016






