Breaking News

BBS e abela lekgotla

21 Aug 2016

Banka ya Botswana Building Society (BBS) e abetse Bobonong Home Based Care dikete tsa dipula di le lesome.

Fa a bua kwa kabong eo, mogolwane wa banka eo kwa Selebi Phikwe, Rre Shatani Tafila o tlhalositse fa madi ao a a tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya bana ba dikhutsana le banalebogole.

Rre Tafila o tlhalositswe fa go agiwa ga kago eo go tlaa thusa dikhutsana le banalebogole go anya dikitso tse ba tlaa di dirisang go tokafatsa matshelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, Rre Philip Mabeyana yo e leng leloko la Bobonong Home Based Care o lebogetse madi ao, a tlhalosa fa madi ao ba tlaa dirisa mo ditirong di tshwana go penta kago eo le go tsenya floor tile.

O supile fa kompone ya ZAC Construction le yone e sa ipona tsapa ka e ne ya ba thusa ka go epa fa ntlo e simologa go agwa gammogo le go baakanya lefelo le kago e leng mo go lone ka mmu wa teng o le seloko.

Mokhanselara wa kgaolo ya Mabumahibidu mo Bobonong, Rre Gabaitse Mathengwane a re go neela banalebogole le dikhutsana dithuto go ka ba tswela mosola fela thata.

O kaile fa lefatshe la Botswana le lone le ka anya go le gontsi thata mo dikitsong tsa banalebogole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 21 Aug 2016