Breaking News

Dikotsi tsa dikoloi di a tshwenya

21 Aug 2016

Banni ba Topisi le Lechana ba re ba tshwenngwa ke dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya Gaborone/Francistown gaufi le metse eo.

Ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Kgotla Autlwetse, gore ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1 tse di felelang di gapa matshelo a batho.

Ba re dikotsi tse di bakiwa ke leruo le le gobeyang mo tseleng bogolo jang bosigo, ba re sebe sa phiri ke gore terata e e ageletseng tsela e ole.

Ba re terata e gape e kgaotswe mme ba belaela gore batho ba e kgaotse ka bomo ba batla go fetisa leruo la bone.

Ba re ba kopa gore puso e ba agele terata e e kwa godimo gore dikgomo di seka tsa e senya ka go e tlola.

 Banni ba buile ba sa kgwe mathe ka letlhoko la metsi ba re se se ba kgoreletsa go itirela ditlhabololo le go tlhabolola ditsha tsa bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Topisi, Rre Baseketetsi Lesoletsile o tsweletse a re ba sale ba filwe ditsha jaanong ga ba di tlhabolole ka lebaka la gore ga gona metsi.

A re se se dira gore dipalo tsa batho di ye ko tlase mo motseng wa Topisi bogolo jang ka palo batho.

A re letlhoko la metsi le isa dipalo tsa bone kwa tlase mo go tlaa ba kgoreletsang go tsisediwa ditlhabololo mo motseng ka jaana motse o tlhabololwa go lebilwe dipalo tsa batho.

O ne a bolela gore matlwana a boitiketso kwa sekoleng a ole ka jalo ba kopa gore khansele e ba agele matlwana a boitiketso a masha.

O kopile gore kokelwana ya Topisi e okediwe  ga mmogo le lebone le le tona le le gaufi le sekole le kokelwana.

Rre Lesoletsile o tsweletse ka go kopa gore sekole se segolwane sa Bonwatlou kwa Serule se shafadiwe ka go bo se onetse.

Fa a amogela batho, Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi a re nako e tsile ya gore Topisi e agelwe sekole se segolwane.

O ile a kgothatsa morafe wa gagwe go tsena diphuthego ka ke gone kwa ba ka utlwang ka ditsamaiso tsa motse wa bone le tsotlhe tse di agang di rutiwa mo kgotleng.

Fa a tswa Topisi, mopalamente o ile a tshwara phuthego ko Lechana ko le gone banni ba neng ba ikuela gore thobo ya bone e nnile boutsana ka gore pula e nele morago ga lobaka.

 Ba ile ba kopa gore ba direlwe mogotlha o o tlaa ba thusang go kentela dikgomo tsa bone mo go one.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Autlwetse o ne a kopa morafe gore fa ba bona terata e ole ba nne ba e tsosa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Topisi

Event : Phuthego

Date : 21 Aug 2016