Banni ba kopilwe go nna pelotelele
21 Aug 2016
Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane, Rre Vincent, Seretse o kopile banni ba Mahetlwe gore ba seka ba fela pelo ka dingwe tsa ditiro tsa ditlhabololo tse di saletseng morago jaaka go dirwa ga ditsela.
O buile fa a ne a tsibogela pego ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo.
Rre Seretse, yo gape e leng tona wa papadi le madirelo, a re dithulaganyo tse di neng di dirilwe ka ngwaga wa 2008 di ne tsa busediwa kwa morago mme morago ga moo ga nna le dikgwetlho tsa letlhoko la madi tse di neng tsa fetola seemo.
A re puso e itlamile go tlhabolola lefatshe lentswa go na le dikgwetlho jaaka metsi le motlakase tse di tlhokang go potlakelwa.
Rre Seretse o ne a akgola banni ka go aga matlo a batlhoki a le mabedi ka lenaneo la Ipelegeng.
A re batho ba tshelela mo dipakeng tse di thata tsa botshelo mme ke sone se e ya reng fa go dirwa pego ya madi ngwaga le ngwaga go latlhelwe lentswana, le go oketsa dipalo tsa badiri ba lenaneo leo.
Mopalamente o ne gape a lekodisa banni ka melao e go buisantsweng ka yone kwa palamenteng, jaaka molao wa maloma tsebe le wa ditlhopho, a tlhalosa fa go na le mochine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba e le maiteko a go tokafatsa tsamaiso ya ditlhopho.
Fa a tsibogela matshwenyego a batho ba motse a go tsenya metsi le motlakase mo matlong a batlhoki mothusa mokwakedi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentweletau Rre Gofaone Kgabanyane a re seemo seo se laolwa ke fa khansele e na le madi.
A re mathata a ba nang nao ke gore fa ba sena go tsenya metsi le motlakase mo matlong ao seo gape e nna morwalo wa khansele ka go duela sekoloto ka jaana batho bao, ba sa tseye boikarabelo kana go sirelatsa tse khansele e ba di diretseng le ntswa go na le lemme le ba le neelwang ke khansele.
Ka kgang ya letlhoko la mmaboipelego kwa motseng wa bone, Rre Kgabanyane o ne a tlhalosetsa batho ba motse oo gore mmaboipelego wa bone o ne a fudisediwa kwa Hatsalatladi ka maikaelelo a khansele e le gore bommaboipelego ba thuse metse e mennye ba tswa kwa metseng e megolwane e ba nnang kwa go yone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Lebotsang Gobusamang o ne a tlhalosa fa motse o godile ka jalo ba kopa gore metsi a anamisetswe kwa bathong.
O bile a re ba sale ba kopile gore tsela ya Mahetlwe-Molepolole le Medie e tshelwe sekonotere mme nako kgolo ke eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 21 Aug 2016






