Breaking News

Batshwara ditlhapi ba kopa go okelediwa nako

06 Jan 2013

Batshwara ditlhapi ba lekgotla la Leechoara kwa Mohembo West ba kopa puso go ba okeletsa nako ya go tshwara ditlhapi.

Ba boletse mo potsolosong bosheng gore dinako tse di dirisiwang ga di ba tswele mosola ebile di dikhutshwane, ka jalo ba kopa gore di okediwe go simolola ka nako ya botlhano maitseboa go ya kwa go ya lesome le bobedi bosigo.

Ba re ka tsamaiso ya gompieno, nako ya go tshwara ditlhapi e simolola ka nako ya botlhano go ya kwa go ya boferabobedi. Rre Tlholego Karundu a re ba obamela molao o o beilweng wa go tshwara ditlhapi ka ba dirisa matloa a a letlelesegang go tshwara ditlhapi, ba phepafatsa mafelo a ba tshwarelang mo go one le go somarela dinako tse di beilweng.

Rre Karundu a re molao o a ba gatelela segolo jang ka paka e go tswalelwang letsomo ka kgwedi ya Sedimonthole go ya kwa go Mopitlo. Batshwara ditlhapi bao ba re ga ba bone dipoelo tse di botoka mo thekisong ya ditlhapi ka jalo ba kopa gore go seka ga fetolwa teseletso ya go tshwara ditlhapi. Ba re  dingwaga tse tlhano di siame go na le e le nngwe.

Ba re e le batshwara ditlhapi ba rutilwe ke ba lephata la ditlhapi, bojanala le makgabisa naga gore ba ka somarela makgobokgobo le tikologo ya bone jang, ba kopile gore batho ba ba tshwarelang ditlhapi go ja le bone ba fiwe teseletso ya go tshwara. Ba ikuetse mo pusong go fokotsa dikwena le dikubu mo nokeng ya Okavango.

Mokwaledi wa Leechora, Rre Maphane Motsokwe ene o boletse fa ba na le ditlhapi mo madirelong  a bone mme ba itemogela kgwetlho ya mmaraka ka ga gona kwa ba rekisang teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Murundu Diwanga

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2013