Ba kgotlhaditswe go bereka ka natla
18 Aug 2016
Mogolwane wa kompone ya Botswana Fibre Networks (BoFiNet), Rre Mabua Mabua o kgathaditse barutabana, baithuti le babereki ba ditiro tse dingwe ba kgaolo-potlana ya Boteti go bereka ka natla gore ba ntshe maduo a a kwa godimo
Rre Mabua o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa go ipelela phenyo wa barutabana le baithuti le babereki ba ditiro tse dingwe ba kgaolo eo a ngwaga wa 2015/2016 o o neng o tshwaretswe kwa Letlhakane bosheng.
Rre Mabua a re letsatsi le la kabo dimpho le botlhokwa ka jaana ke ka lone batsadi, barutabana, baithuti le babereki ba robang maungo a go bereka ka thata. A re e ke nako ya gore barutabana ba ipelele maduo a tiro ya bone.
O ne a kgothatsa ba ba sa amogelang dimpho go bereka ka thata gore mo nakong e e tlang le bone ba amogele dimpho.
Rre Mabua a re thuto ya ngwana e tshwanetse ya tshwaraganelwa ke barutabana, bana ga mmogo le batsadi. O ne a lemotsha batsadi gore ke banaleseabe ba ba botlhokwa mo thutong ,ka jalo a re ba itlwaetse go etela dikole tsa bana ba bone nako le nako gore ba tle ba ele tlhoko maduo le boitshwaro jwa bana.
A re o dumela gore baithuti ba na le ditoro tsa gore ba batla go nna eng fa ba gola mme fela ba tshwenetse ba lemoga tse ba di kgonang botoka.
Rre Mabua o ne gape a rotloetsa bana go ikgapha mo tirisong ya ditagi ka di ka ba senyetsa botshelo, ba tlhopha ditsala tse di siameng.
O ne gape a re ba seka ba kgorelediwa ke seemo kana dikgwetlho tsa botshelo tse ba mo go tsone, ba ithute thata ka gore thuto ke yone e ka ba ntshang mo go tsone.
O bile a rotloetsa barutabana go tswelela ba bereka ka natla le fa ba na le dikgwetlho a re o solofela gore ba tlaa tswelela ba supa maikemisetso, maikalelo mo tirong ya bone jaaka ba ntse ba dira tiro e ntle, e e supiwang ke maduo a bangwe ba bone ba a tseetseng dimpho.
Rre Mabua o ne a tlhalosa fa kompone ya bone ba tshwraganye le Mascom ba na le lenaneo la go gokela maranyane a internet mo dikoleng tsa kgaolo ya Boteti a re ba setse ba goketse kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Ditsweletse,Orapa,Rakops le Motsumi.
Rre Mabua a re BOFINET e ya go abela sekole se segolwane sa Motsumi dikhompiutara di le masome a mabedi le 5mbps a re gape ba abetse moletlo o wa kabo dimpho madi a a kana ka P10 000.
Mme Mercy Bayani o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi le ele go lemoga bao ba ba dirileng sentle mo kgaolong .Go supa le go abela ba maduo a a kwa godimo dietsele,go bapatsa lephata la thuto le go amogana kitso ka tsa thuto.
Moithuti wa sekole se sebotlana sa Mokobaxane, Mme Daokwae Oboneng ke ene a gapileng seetsele sa moithuti yo o ba gaisitseng wa lekwalo la bosupa (PSLE),fa Leitho Boikaego wa sekole se segolwane sa Orapa ene a tsere sa mophato wa boraro (JCE), fa sa mophato wa botlhano sone se tsewa ke Shaikh Faiyaz le Malomo ba sekole se segolwane sa Letlhakane.
Rre Samuel Katse ene o gapile seetsele sa moithuti yo o gaisitseng botlhe wa sekole sa Boteti Brigade fa Mme Ketlholegile Maikutlo wa Rakops ene a gapile sa moithuti yo o gaisitseng wa OSET. Sekole se segolwane sa Orapa le se sebotlana sa Letlhakane di ne tsa gapa seetsele sa sekole se se gaisitseng tse dingwe ga mmogo le barutabana ba tsone ba ikgapela tsa barutabana ba ba gaisitseng mo dithutong ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlo wa go ipelela phenyo
Date : 18 Aug 2016






