Breaking News

Ba ngongorega ka baatlhodi

18 Aug 2016

Banni ba metse ya BORAVAST e e itsegeng thata ka mmino wa Polka ba ngongorega ka baatlhodi ba dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa meletlo ya mmino bogolo jang wa Polka o o tumileng thata mo dikgaolong tsa bone.

Ba supile fa ba sa itumelele ditshwetso tse di tsewang bogolo jang kwa makgaola kgannyeng ba supa fa baatlhodi ba sa itse sepe ka gore mmino wa Polka o binwa jang le gone gore gotwe motho o o bina sentle a bo a bina jang.

Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa mopalamente wa bone yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo bosheng.

Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente o supile fa le ene a na le lesokolela ka kgang eo ka gore baatlhodi ga ba itse ditso tsa mmino oo.

Mme o gakolotse setshaba gore ba tshwanetse go amogela bonnete jwa gore mmino wa Polka o fetogile le dinako mme ke gone ka moo o setseng o binwa ke merafe yotlhe lefatse ka bophara.

O tsweletse ka gore le bone ba nne mo seemong sa gore ba itse gore mmino o ga se wa bone ka ba o kopile kwa merafeng e mengwe.

Mopalamente o ne a re e re le ntswa go ntse jalo mme le ene o dumela gore go botlhokwa gore barulaganyi ba dikgaisano tseo ba netefatse gore go nna le baatlhodi ba ba itseng sengwe ka mmino oo.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke ka fa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba fang ditirelo ka teng.

Ba supile fa bontsi jwa nako ba nna ba sena metsi mo metseng ya bone mme ditlhwatlhwa tsa metsi tsone di nna fela di le kwa godimo.

Ba tsweletse ka gore kompone eo ga e nke e buisana le bone ka mabaka a tshwana le go kgaola metsi ba tlatsa ka gore ba ketefalelwa ke kgang ya gore ba bo ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duelela metsi kwa motseng wa Tsabong kgwedi le kgwedi.

Mopalamente o kopile badirelapuso go bereka le morafe sentle ka jaana le bone ba se kake ba nna sebaka sa dibeke tse pedi ba sa bone metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : BORAVAST

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Aug 2016