Breaking News

Boipelego bo ka isa Botswana kwa pele

18 Aug 2016

Go nna le mowa wa go ipelega le popagano mo morafeng go ka fetola matshelo a bone ga ba ga isa Botswana ko pele.

Fa a bua ko moletlong wa kabo ya dimpho tse di tswang mo go ba mokgatlho wa bomme wa Lentswe la Bomme  Phatwe a le lesome le bosupa, Kgosikgolo Mosadi wa Balete o ba akgotse  thata a tlhalosa fa mekgatlho ya go tshwana le e e le botlhokwa thata go aga setshaba.

A re ba mokgatlho wa Lentswe la Bomme ba supa fa ruri mosadi e le thari ya setshaba ka go bo ba na le mowa wa boithaopo le lerato a ba rotloetsa gore ba tshware fela jalo.

Kgosi Mosadi o akgoletse ba mokgatlho oo go itlama go etelela pele ka sekai sa go tsholetsa matshelo a batho ka go bo bana ba tlaa ithuta go le gontsi mo go se ba se direlang kgaolo ya bone.

O rotloeditse bomme go ema borre nokeng, go tlhakanela ditiro le bone le go rerisanya le bone ka se se ka fedisa kakanyo ya gore bomme ba batla tekatekano, a gatelela fa therisanyo e le konokono mo go ageng setshaba se se tiileng.

Fa a tswelela, o kopile bomme go kgalema le go gakolola ka thata bana ba basetsana mo kgodisong ya bana ba bone a re banana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go ikgodisetseng bana sentle ka tlhompho fela jaaka batsadi ba bone ba ne ba ba ikgodisetsa.

A re go utlwisa botlhoko go bo banana bangwe ba latlhela bana ba bone ko basadi bagolong mme ba ba ikgatholose se se dirang gore ba seka ba bona tlhokomelo le lerato le le tshwanetseng.

A re bana ba felela ba sa gole sentle mme ka bana e le bone baeteledipele ba kamoso batsadi ba seka ba fela pelo go ba tsenya mo tseleng go dira se se tshwanetseng.

Moeteledipele wa mokgatlho wa Lentswe la Bomme, Mme Khabe Olaotse, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o sa ntse o bopagantswe ke lerato le tshwaragano, ka go bo ba dumela thata mo go ipelegeng.

A re mokgatlho o o simolotse ka ngwaga wa 2003 e le mokgatlho wa bomme ba thapelo fela mme ka ntlha ya pharologanyo ya ditumelo ba felela ba fetola tsamaiso gore ba kgone gore ba amogele bomme ba bangwe maikaelelo e le go tsisa diphetogo.

O galaleditse bomme ba mokgatlho o ka kgatelopele ya bone le ka go tswelela ba dira diphetogo a fa sekai ka dingwe tse ba setseng ba di dirile jaaka go agelela mabitla a dikgosi tsa bogologolo sesha le go amogela molelo wa kgolagano ka lorato le popagano.

O tlhalositse fa ba ipela ka go apara Setswana ba bo ba baya dikobo tse di tshweu mo magetleng fa ba digela tiro nngwe le nngwe e ba e dirileng, go gatelela gore pelo e tshweu, mmatla sa gagwe o se bone.

O akgotse dikgosana tsa dikgotla tsotlhe go bo ba ba eme nokeng go fitlhelela dimpho tse ba di abileng mo letsatsing le a re thotloetso ya bone e raya go le go ntsi mo mokgatlhong wa bone.

Mokgatlho o o abetse kgotla ditilo di le lekgolo le sekole se sebotlana sa Tonota dikobo di le masome a marataro le botlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : TONOTA

Event : wa kabo ya dimpho

Date : 18 Aug 2016