Breaking News

Puso e tlaa rarabolola tlhaelo ya metsi

17 Aug 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Nkange e bile e le tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu a re puso e tsere tshwetso ya go ketlola botlhano mo lekgolong mo mading a a neng a abelwa maphata ka nako ya kgaoganyo ya madi a setshaba go a neela lephata la metsi go a dirisa go araba selelo sa letlhoko le tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno.

Rre Batshu o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dagwi, Changate le Maitengwe kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro.

A re Batswana ba ntse ba lela ka letlhoko la metsi, diphaephe tse di dutlang, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso ya metsi le go baakanya metswedi ya metsi.

O tsweletse a bolela fa didiba tsa Maitengwe tse di nosang kgaolo eo tse di lesome le bobedi go bereka tse di lesome fela, tseo tse di berekang go feta selekanyo mo di felelang di goga metsi a a letswai a a felelang a thiba diphaephe ka di nna di sa katololwe mme tse pedi di wetse kana di katiegetse.

A re ka madi ao go solofetswe go tokafatsa seo le go gokela diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa Ntimbale.

Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e sa tswang go wela beke e e fetileng, o ne a bolela fa palamente e amogetse melao kakanyetso e le lesome le boraro mo go e e lesome le bosupa e e neng e beilwe palamente pele.

O tlhalositse fa molao wa maloma tsebe, wa go fa ba lephata la khiro dithata tsa go sekisa le go atlhola ditsheko le wa paakanyo ya molao wa ditlhopho e le mengwe ya melao e e neng ya fetisiwa mme e emetse Tautona go e baya monwana gore e tsene mo tirisong.

Rre Batshu o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore re ba ba tlaa tlolang molao e re ba neelwa kotlhao ba bo ba na le kitso ka melao.

Gape o ile a supa fa palamente e sa kgona go buisana ka lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe mme le tlaa akarediwa mo palamenteng e e tlang ya Ngwanaatsele.O boletse fa e tlaa re ka letsatsi la boipuso, Tautona a sena go amogela molelo wa kgolagano o tlaa rebola bukana ya tebelopele ya setshaba ya 2036 gore Batswana ba tle ba bone gore e ba tsholetse eng.

Kwa Changate le Dagwi ba ne ba lela ka ditsela tse di le kgarapana tse ba boletseng fa di ba senyetsa dikoloi tsa bone.

Ba tlhalosa fa gape fa ditsela tseo fa di gopiwa di sa tshelwe metsi le mmu, seo se pitikolole matlapa a a felelang a dira gore ditsela tseo di nne borai mo dikoloing tsa bone, a bolela fa ba tswa kgakala ba lela ka ditsela tseo.

Ba ne gape ba lela ka dikoloi tse di rwalang balwetse mo metseng eo ka bobedi, ba re ba a sokola ba na le lebaka le le telele ba sena dikoloi tseo tsa balwetse.

Kwa Maitengwe banni ba ne ba lela ka lephata la kabo ditsha, ba supa fa le fetogetse mogopolo wa gore go tlaa thijwa diphatlha tse di fa gare ga malwapa, ba bolela fa baikopedi ba bewa kwa lefelong le le senang ditlamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Aug 2016