Matlhabelo a simolola go reka dikgomo
17 Aug 2016
Mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autwetse a re matlhabelo a BMC a Francistown a tlaa simolola go tlhaba dikgomo tsa Zone 6 le Zone 7 tse nama ya tsone e tlaa bong e rekisiwa kwa mefatsheng a Europe.
Rre Autlwetse o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Serule le Gojwane, kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano. A re se se tla jaana morago ga gore lekoko la baemedi go tswa kwa palamenteng ya mafatshe a Europe ba tle go dira ditshekatsheko mo dikgaolong tsa Zone 6 le Zone 7 go bona gore a bolwetse ja tlhako le molomo bo fedisitswe mo kgaolong.
O ne a tswelela ka go rotloetsa barui ba metse ya Serule le Gojwane le Batswana ka kakaretso go inaakanya le methale e mesha go tlhabolola leruo la bone a tlhalosa gore letsopa la dikgomo tsa Setswana le sa ntse e le la boleng jo bo kwa tlase.
Rre Autlwetse a re ka tshwanelo kgomo e e nang le ngwaga le dikgwedi tse thataro e tshwanetse go nna bokete ja 400kg ke gone morui a ka itseng gore o ruetse kgwebo e seng jalo barui ba tla nna ba lela ka theko e e kwa tlase ya dikgomo.
A re mohama wa temo-thuo ke one o lefatshe la Botswana le dirileng go le gontsi ka nama ya dikgomo tsa lone e ratwa bobe kwa mafatsheng a Europe.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le ntse le ikaegile ka mohama wa diteemane mme le tsone mo nakong ya gompieno di sa dire sentle ka jalo a rotloetsa thata gore Batswana ba rue dikgomo tse di tlaa ba busetsang dipoelo tse di ka fetolang matshelo a bone.
Mo go tsa temo, Rre Autlwetse a re puso e dirisa madi a mantsi go rekela balemi dipeo le menontshane mme temo e Batswana ba e ntshang e le ya go jela mo ganong mo go ka sekang ga rekisetswa ba mafatshe a sele go itirela madi.
Mopalamente Autlwetse a re ka tshwanelo ekere e le nngwe fela e tshwanetse go ntsha dikgetsi tsa mabele di le masome a mane mme balemi ka bontsi ba sa ntse ba palelwa ke go dira jalo.
E rile a akgwa dikgosi tsa metse eo dikgaba, ba ba neng ba lela ka letlhoko la metsi mo metseng ya bone a tlhalosa fa puso e sa nna fela mme e dira maiteko go bona gore ba ka rarabolola jang letlhoko la metsi.
Rre Autlwetse a re thulaganyo e e neng e tshwanetse go dirwa ya go tsaya metsi kwa letamong la Letsibogo go siela metse ya Gojwane,Serule,Topisi,Moreomabele le Damochojenaa e sa ntse e emisitswe ke letlhoko la madi mme se se sa ree gore e kgaphetswe kwa thoko.
A solofetsa fa go sa ntse go batlwa madi gore e diragadiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SERULE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Aug 2016






