Batsadi ba rotloediwa go apesa bana mebala ya Botswana
17 Aug 2016
Banni ba Selebi Phikwe ba rotloeditswe go rekela bana kapari e e supang mmala wa folaga ya Botswana.
Kopo eo e dirilwe ke mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molefhi Pilane fa a neela morafe wa Selebi Phikwe lefoko la kgothatso go ipaakanyetsa boipuso jwa lefatshe la Botswana. Rre Pilane a re batsadi ga ba a tshwanela go ikgabisa ba le nosi, a tlhalosa fa bana le bone ba tshwanetse go kgaba ka mebala ya Botswana ka ke bone babusi ba lefatshe mo nakong e e tlang.
Rre Molefhi a re nako e setse e tsamaile ka jalo a rotloetsa motho mongwe le mongwe yo o sa ntseng a saletse kwa morago go tsaya karolo mo go baakanyetseng boipuso. A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya karolo gore letsatsi la boipuso e nne le le pharologanyo ka le tlaa bo le le pharologanyo go na le boipuso ja dingwaga tse di fetileng ka lefatshe la Botswana le tlaa bo le kopantse Batswana go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.
O tsweletse a kgothatsa ba ba ntseng ba tshwere ka thata go oketsa lobelo le ba ntseng ba dira tiro ka lone a kgothatsa le bagwebi ba toropo ya Selebi Phikwe go kgabisa marekisetso a bone ka mebala ya Botswana ka seo se supa tshwaragano le tirisano mmogo go ya pele.
O tsweletse a re Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka lefatshe la bone ka puo, kapari le botho jo ba itsegeng ka jone, a re seo se tshwanelwa ke go supafala mo medirong yotlhe e e farologaneng jaaka manyalo le tse dingwe.
Rre Molefhi a re motho ope ga a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke sepe fa a bua ka lefatshe la Botswana ka Batswana ba nnile le diphitlhelelo tse di ntle tse di dirileng gore ba bo ba kgona go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano. A re botho le lorato ke tsone di ba kgontshitseng tsotlhe.
Kwa bofelong Rre Molefhi o kgothaditse batho ba ba neng ba kokoane kwa sehikantsweng sa BOT50 go tshwaya malatsi a masome a matlhano a a setseng go ipelela boipuso mo Selebi Phikwe go tswelela ba ratana le go tlotlana go ya pele a re seo ke one motheo wa lefatshe la Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego
Date : 17 Aug 2016






