Breaking News

Tlotlang tiro ya makhanselara

16 Aug 2016

Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Peter Williams, o rotloeditse banni ba metse ya kgaolo ya Lerala/ Maunatlala go tlotla tiro e ba e romileng makhanselara.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla bosheng tse maikaelelo a tsone e neng e le go isa khansele kwa setshabeng, Rre Williams a re bangwe ba tsaya tiro e ba e romileng makhanselara lolea ka ba sa e itse fa bangwe ba felela ba ba roma ditiro tse e seng tsa bone ba bo ba nna le matshwenyego fa a sa kgone go di dira.

Rre Williams o tlhalositse fa tiro ya mokhanselara e le go tsisa ditlhabololo kwa morafeng go tswa kwa khanseleng kana go gokaganya khansele le batho. 

A re mokhanselara o tsaya megopolo ya ditlhabololo mo banning a bo a e isa kwa khanseleng mme bontsi jwa batho ga ba tlhaloganye gore tiro ya gagwe ke eng. 

A re go tswa bogologolong bontsi jwa batho ba fa makhanselara ditiro ka go farologana di tshwana le tsa go ya dintshong le go ba thusa ka koloi fa ba na le bothata ba tsaya gore ke ditiro tsa gagwe. 

A re mokhanselara fa a dira ditiro tseo o a bo a di dira go tswa mo pelong ya gagwe mme e se gore e a bo e le tiro ya gagwe.

A re ditiro tse morafe o di fang makhanselara tseo di felela di mo fekeetsa a bo a sa kgone go dira tiro ya gagwe ka botswapelo. A re mokhanselara ke motho fela jaaka mongwe le mongwe mme fa batho ba gagwe ba sa mo sekegele tsebe o tlaa felela a sa dire tiro sentle. 

O ne a bolela fa dikatso tsa makhanselara di le kwa tlase fela thata mme ba felela ba fetoga batlhoki fa tiro ya bone ya bokhanselara e wela ka ba a bo ba ne ba lebagane le dikgwetlho di le dintsi tsa go direla morafe ba dirisa ditsompelo tsa bone di tshwana le koloi le gone go tlhokomela ba malwapa a bone.

Mo go tse dingwe Rre Williams o ne a bolela fa kgaolo ya Legare e le bophara e bile e akaretsa metse e le 450, e bo e nna le makhanselara a le 174, mapalamente a le 17 le badirelapuso ba le 5 000.

Ka jalo a re khansele ya Legare e na le dikgwetlho di le dintsi ka e na le batho ba le bantsi ba ba nang le letlhoko le le farologaneng.

A re go le gantsi fa dikhansele ka go farologana di tsenya dikopo tsa madi khansele ya legare e kopa madi a selekanyo sa P1 billion mme ba bo ba felela ba filwe a a kwa tlase ga one thata  mme e le madi a a sa lekaneng gotlhelele go dira tse di neng di tlhokafala. 

Dikgosi tsa metse ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka go farologana le banni ba ne ba lebogela khansele ya Legare go bo e bone go tshwanela gore e ba etele. Ba re ke lekgetho la ntlha mo ditsong ba bona modulasetilo wa khansele ya Legare a ba etela a bo a ba ruta le ka tse ba neng ba sena lesedi ka tsone. Kgosi Molebatsi Sello Moroka wa Lerala o ne a lebogela tse khansele ya Legare e di dirileng mo motseng wa gagwe. 

A re fa e ne e se ka tsone di tshwana le kgotla e e meletswang mathe ke metse e mengwe le dikago di tshwana le tsa dikgaso motse wa gagwe o kabo o sa tlhabologa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 16 Aug 2016