Breaking News

Borukutlhi bo a kekela kwa Tonota

16 Aug 2016

 Banni ba kgotlana ya Lemboko kwa Tonota ba ngongoregetse borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa bone.

Se se builwe ke Kgosi Moiteela Sebika fa a ne a amogela baeng  kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota e bile gape e le tona wa banana, metshameko le ngwao  Rre Thapelo Olopeng Phatwe a le lesome le botlhano.

Kgosi Sebika a re o tshwenngwa ke dirukutlhi mme go tsaya nako gore mapodisi a tsibogele seemo se.

O tlhalositse fa letlhoko la dikoloi tsa mapodisi le sa ba jese di welang ka gore dirukutlhi di felela di itirelela.

A re boitshwaro jwa banana ga bo itumedise ka ba itontela nnotagi ba bo ba goga motokwane mme se se dire gore ba inaakanye le borukutlhi.

Kgosi Sebika a re banana ba kgotlana ya gagwe ga ba kgatlhegele diphuthego tse di tshwarwang mo kgotleng, mme a kopa banana go dirisa ofisi ya gagwe ka dinako tsotlhe.

O ngongoregetse ditlhwatlhwa tsa metsi tse a reng di nna di le kwa godimo fela ka dinako tsotlhe mme metsi a tsweletse ka go tshologa gongwe le gongwe mo motseng.

Rre Olopeng ene o ne a kopa batsadi go kgalema, a re Setswana sa re lore lo ojwa lo sale metsi jalo go nna bone baeteledipele ba ka moso ba tshwanetse go nna bokao mo setshabeng.

O gakolotse banana go nna le botho mme a re bagolo ba rute bana go nna le botho le boikarabelo le gone go tlotla bagolo.

Rre Olopeng a re o tshwennngwa ke letlhoko la ditiro mo bananeng, le fa go ntse jalo o rotloeditse banana gore ba seka ba fela dipelo mme ba dirise mananeo a ga goromente a a lwantshang lehuma mme ba nne ba bale dipampiri tsa dikgang le go reetsa seromamowa go batla ditiro.

O akgoletse banni go bona lenaneo la ipelegeng le ba reng le tsamaya sentle le fa itsholelo ya Botswana e le kwa tlase mme le kgona go thusa Batswana ka ditiro.

O kopile banni gore e re ka ipelelo boipuso e le gaufi, ba itshware ka boitshwaro jo bo lolameng gore go rene kagiso le thokgamo magareng ga bone.

Rre Olopeng o gakolotse banni gape gore ba seka ba baya sengwe le sengwe mo pusong fela mme ba itirele ka bobone mme a rotloetsa banni go apara mebala ya Botswana kgwedi ya Lwetse yotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Thukuza

Location : TONOTA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Aug 2016