Matlhabaphiri o akgola botlhaga
16 Aug 2016
Leloko la lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lekola ka fa mananeo a dithuso a puso a tsweletseng ka teng, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a re go a itumedisa go bona batho ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ba tlhwaafalela go inaakanya le se ba thusitsweng ka sone.
Rre Matlhabaphiri o buile jalo mo potsolotsong kgwedi eno e le lesome le bobedi fa lekoko le ne le dikologa le ditiro tsa batho ba ba thusitsweng ka mananeo a dithuso a nyeletso lehuma kwa Siviya mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Botlhaba. A re fa batho bao ba ka tswelela ba ikemiseditse fela jalo, seo se ka ba thusa gore ba inoge mo lehumeng le gone go dira gore maduo a mananeo ao a bonale.
Rre Matlhabaphiri o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go kanoka gore a mananeo a diragatsa se se solofetsweng mo go one le go sekaseka ka fa a gatetseng pele ka teng.
A re tshekatsheko eo, e tlaa thusa puso go bona gore e ka tokafatsa fa kae tebang le tsamaiso ya mananeo ao.
Rre Matlhabaphiri o ne a gakolola ba ba lebaneng le go tsamaisa mananeo ao, go nna ba lekodisa baikopedi ba ba letetseng go thusiwa ka tse di ka tswang di ba tshwere tebang le go ba thusa.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Louis Mlilo o ne a tlhalosa fa ba emisitse dikopo nakwana, go leka go kgarametsa melala ya ba ba dirileng dikopo magareng ga ngwaga wa 2012 le ngwaga wa 2015 ka kgwedi ya Mopitlo.
Le fa go ntse jalo, ba ba thusitsweng ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela dithuso tseo, fela ba supa fa ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng tse gangwe le gape di emang pele mananeo a bone go gatela pele.
Mme Naledi Chibu, yo o neng a thusiwa mo thuong ya dikoko tsa Setswana ka 2014, o ne a supa bodiredi jo bo lebaneng ka monwana, a re ba ne ba nna maoto a tshupa go mo thusa ka dijo tsa dikoko.
A re seo se ne sa phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go ipona a le mohumi wa dinaledi, ka jaana dikoko tsa gagwe di ne tsa bolawa ke tlala, a supa fa mo dikokong tse a neng a setse a na le tsone tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano, mo nakong eno a saletswe ke di le masome a mabedi le bongwe fela.
Le fa go ntse jalo, Mme Chibu o ne a iteela legofi mananeo ao, a re a tiisa batho moko go itirela sengwe mo botshelong le gone go ba fa botsipa jwa go inaakanya le ditiro dingwe jaaka go rua.
Monana mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ngogola ka kgwedi ya Hirikgong mo thuong ya dipodi, Rre Oagile Bashingi ke mongwe wa ba ba tsweletseng ka lenaneo la gagwe.
Rre Bashingi, fela jaaka ba bangwe, o boletse fa a tlhorontshiwa ke malwetse le bophokoje, tse a tlhalosang di baka gore a nne le ditatlhegelo tse di seng kana ka sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : SIVIYA
Event : Potsolotso
Date : 16 Aug 2016






