Maduo a sekole sa bananyana a a bonala kwa Mokobeng
16 Aug 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mokobeng kwa Mokobeng Mme Itumeleng Sekwena a re go simolodisiwa ga lenaneo la dithuto tsa baithuti pele ba simolola lekwalo la ntlha mo dikoleng tse dipotlana mo lefatsheng leno go setse go ntsha maduo.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela bananyana bao dimpho tsa didirisiwa tsa go ithuta le go saenela ditumalano tsa lenaneo la go thusa dikole la Adopt -a-School le ba lwapa la ga Mme Tshegetsang Lebang-Weisshaupt go tswa kwa lefatsheng la Germany kwa Mokobeng ka Labotlhano, Mme Sekwena o ne a bolela fa dithuto tse di setse di ntsha tema e e bonalang.
A re dithuto tsa bana pele fa ba simolola lekwalo la ntlha di na le seabe se setona thata ka di betla tsela ya go simolola lekwalo la ntlha. A re sekole sa gagwe ke sengwe sa dikole tse di neng tsa nna sego gore e re go simolodisiwa lenaneo le ya nna nngwe ya tse le simolodisiwang mo go sone.
O tsweletse a re sekole sa gagwe e ne e le sengwe sa dikole tse thataro tse di neng tsa simolola lenaneo le mo dikoleng tse dipotlana di le 52 tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye ka jalo a re dithuto tseo di dira sentle kwa sekoleng sa gagwe.
Mme Sekwena o tsweletse a re setlhopha sa ntlha mo sekoleng sa gagwe se se neng sa simolola dithuto pele ga lekwalo la ntlha se ne sa dira sentle fa se simolola lekwalo la ntlha e bile se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong tsa bone e bile ba a solofetsa gore ba tlaa fenya ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa. O ne a bolela fa sekole sa gagwe se le sego gobo se tsene mo ditumalanong tsa go tshwaraganela thuto le ba lelwapa la ga Rre le Mme Weisshaupt. A re popagano ya sekole sa gagwe le boora Weisshaupt ke lengwe la matshego a lephata la thuto la go tshwaraganela thuto le banaleseabe.
A re maikaelelo a lephata la thuto le tlhabololo dikitso ke go ntsha bana ba ba ka kgonang go phadisanya le ba mafatshe a mangwe mme dinako tse dingwe ga go kgonagale ka ntateng ya letlhoko la madi ka jalo a re o na le tsholofelo ya gore tshwaragano ya sekole sa gagwe le boora Weisshaupt e tlaa isa sekole sa gagwe kwa mankalengkaleng.
Mme Sekwena a re bobedi jo bo tshwaraganeng joo bo tlaa tshwaraganela go itebaganya le maduo a a wetseng tlase a sekole sa gagwe a a neng a bakilwe ke go tlhoka go simolodisa dithuto pele ga lekwalo la ntlha. O ne a bolela fa ba na le letlhoko la fa bana ba ka kgonang go rapamisiwa teng go ikhutsa gore ba tlwaele sekole fa ba na le bothata.
Fa a rola dimpho tseo, Mme Weisshaupt o ne a bolela fa ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba dumalane le go thusa sekole sa Mokobeng ka e le ngwana wa kwa motseng oo ntswa a nyetswe kwa lefatsheng la Germany.
A re banaleseabe ba tshwanelwa ke go thusa puso mo go tlhabololeng thuto ka puso e ka seke e kgone e le nosi.
A re ba thusitse ka didirisiwa tsa thuto tse ba di ntshitseng ka ba batla go simolola thuto kwa moding go bona gore bana bao ba tlaa dira jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOKOBENG
Event : kabo dimpho
Date : 16 Aug 2016






