Ba kgothaditswe go apara mebala ya Botswana
16 Aug 2016
Banni le babereki ba kgaolo ya Kgatleng ba kgothaditswe go apara mebala ya lefatshe leno.
Mafoko ao a builwe ke Mme Motlhagodi Molomo kwa moletlong wa go bala malatsi a ale masome a matlhano pele ga boipuso o o neng o rulagantswe ke komiti ya BOT50 kwa Kgatleng bosheng.
Mme Motlhagodi, yo a kileng a nna modulasetilo wa khansele ya Kgatleng a bo a nna moemedi wa lefatshe leno kwa Afrika Borwa, o boletse fa moletlo oo e ne e le go fa setshaba nako ya go ipaakanyetsa letsatsi le le tona la boipuso le mo go lone lefatshe leno le tla a bo le ipelela masome a matlhano le ipusa. A re Batswana ba tshwanetse go apara mebala ya lefatshe leno go supa gore ba motlotlo ka lefatshe la bone le le renang kagiso le thokgamo.
Mme Motlhagodi a re o eletsa gore mebala eo e aparwe tsatsi le letsatsi go na le ka Labotlhano fela jaaka bangwe ba dira, a re go dira jalo fela ka bonosi go supa jaaka Batswana ba le seopo sengwe ebile ba tlotla boipuso jwa ngwaga ono thata.
O boletse fa a santse a gakologelwa sentle ka ngwaga wa 1966 fa folaga ya bokolone e ne e folosiwa mme go pegiwa ya Botswana, a re ka nako eo go ne go foka phefonyana e e tsididi a tlatsa ka gore phefo eo e ne e supa thokgamo ya lefatshe leno. O tsweletse a re o santse a gakologelwa mafoko a Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama jaaka a ne a tsaya boikarabelo jwa lefatshe leno le a tlhalositseng fa Tautona wa nako eo a le tsere le le sekaka go sena le fa e le ditlhabololo dipe.
A re Sir Seretse Khama o ne a re “rotlhe re tsile go tlhabolola lefatshe leno la rona re le seopo sengwe re le Batswana’’.
O ne a kgothatsa bao ba ba neng ba le ko moletlong oo,go tswelela ba dirisana ebile go rena kagiso e Tautona wa ntlha wa lefatshe leno a e tlisitseng.
A re ba tshwanetse go akgola bagaka ba pele ba lefatshe leno ba ba le diretseng ka botswapelo le ka bonokopila a tlatsa ka gore fa e ne e se go ipelega ga Batswana sekolo se segolwane sa Mmadikole ne se ka bo se seyo. A re seo ka bonosi se se supa gore Batswana ba tswa kgakala ga go ipelega mme o ne a ba roltoetsa go tswelela ka mowa o montle oo.
O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka kgang e a tlhalositseng fa bangwe ba babereki ba supa fa ba lekanya tiro le madi a re seo ga se supe fa ba direla Botswana mme o kopile ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo, a re Botswana o tla pele mme ba tshwanetse go bereka ka natla jaaka bagaka ba maloba ba lefatshe leno.
Mme Motlhagodi o ne gape a akgola banni ba kgaolo ya Kgatleng ka go amogela molelo wa kgolagano go sena makgwere ape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Moletlo
Date : 16 Aug 2016






