Breaking News

Mapodisi a tshwenyega ka dikotsi tsa tsela

16 Aug 2016

Mogolwane wa mapodisi kwa Mochudi Superintendent Olebile Sitale a re o tshwenngwa ke dipalo tsa dikotsi tsa tsela tse di golelang kwa godimo kwa kgaolong.
Fa a bua mo potsolosong, Superintendent Sitale o boletse fa e sa le ngwaga ono o simolola go setse go tlhokafetse batho ba le masome a mararo le motso, a kaa  fa dipalo tseo di godile fa a di tshwantshanya le tsa ngwaga o o fetileng tse a boletseng fa di ne di le masome a mararo le motso mme e le tsa  ngwaga otlhe.
E re dikgang di eme jalo, Superintendent Sitale o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone  monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, yo o neng a kgweetsa koloi ya modiro wa BMW  a ne a tlhokafala kgwedi eno e le lesome le boraro kwa Belabela morago ga gore a thule koloi e  a neng a e setse morago. Mogolwane wa mapodisi o boletse fa monna yoo, a ne a tswa ntlheng ya  borwa a ya bokone, a tlatsa ka gore morago ga go thula koloi ya modiro wa Mercedes Benz e a neng a e setse morago, e mogolwane wa mapodisi a tlhalosang fa e ne e kgweediwa ke mme wa dingwaga tse di masome a marataro le borobabobedi o ne a tswa mo tseleng mme a ya go thula e nngwe gape ya modiro wa Mazda e le yone e ne e na le mokgweetsi wa mme yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano.
Superintendent Sitale o tsweletse a re bakgweetsi ka bobedi ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana ba a boletseng fa yo o neng a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda a nna ko Mogoditshane fa wa koloi ya Mercedes Benz ene a nna ko Gaborone. A re moswi ene o tlholega kwa motseng wa Kasane kwa kgaolong ya Chobe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 16 Aug 2016