Breaking News

Ba tlhaba kgobe ka mutlwa

26 May 2013

E re ntswa puso e dira ka natla go tokafatsa matshelo a banana, go tlhalosiwa fa kwa Metsibotlhoko mo kgaolong ya Letlhakeng bophirima maiteko a a sa atlege ka jaana banana ba sa ntse ba tlhabile kgobe ka mutlwa ba sa itsolopanye go akola mananeo.

Go ne go bua modiri mo ofising ya banana kwa Takatokwane mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsentswe ke molaodi wa kgaolo,Rre George Mogome bosheng.

O tlhalositse fa banana ba motse oo ba sa iponatse kwa diofising tsa bone go kopa dithuso le jone bogakolodi ka mananeo.

O kaetse banana ba motse gore go mo maruding a bone go tsaya tsia matshelo a bone ka go ipelega ba itshimololela dikgwebo di tshwana le tsa temo-thuo, tsa ditirelo le tse dingwe tse di ka tokafatsang matshelo a bone.

Mme Tlhobogang a re go ngomola pelo go bona banana ba santse ba iketlile ba sa itsolopanye go dirisa monyetla o, go intsha mo lehumeng le gone go itlhamela dikgwebo.

A re puso e ka dira gotlhe mo e ka go kgonang go rotloetsa banana go inaakanya le mananeo mme fela go mo maruding  a bone go tsaya mananeo.

O supile fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go rotloetseng banana go itshetsa ka mananeo a ba a tlhametsweng ke puso le gone go dirisa ditalente tsa bone,a kaya fa dikgwetlho tse di lebanyeng banana di tshwanetse go tshwaraganelwa ke batsadi le puso.

Fa ba tswa la bone banana ba motse oo, mo go bone go le Kitso Tshegetsang, ba supile fa ba sa akole mananeo a ba a tlhametsweng ke puso ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo.

O kopile ofisi ya banana go ba etela go ba tlhatlhelela ka mananeo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : TAKATOKWANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 May 2013