Batlang ditsela tsa go dira madi - Williams
16 Aug 2016
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a rotloeditswe go thulanya ditlhogo go bona ditsela tse ba ka itirelang madi ka tsone go na le go kopa gore ba okeletswe madi.
Se se ne se buiwa ke modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Peter Williams kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala bosheng. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ne di itsege ka ditiro tsa boithaopo kana tsa boipelego tse di neng di tlhabolola metse mme go fetogile mo malatsing ano. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ne di dira ditiro tse di botlhokwa mo metseng ka di ne di aga maobo a dikgotla le matlo mangwe mo motseng mme dipaka di fetogile.
O tsweletse a kopa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka go farologana go dirisa madi a ba a bonang kgwedi le kgwedi a dituelo tsa matlo a bone go bula dikgwebo tse di ka ba tsenyetsang madi gore ba kgone go ituela.
A re bontsi jwa dikomiti tsa ditlhabolo tsa motse di beile madi fela kwa dibankeng a sa dirisiwe mme mangwe a felela a jewa ke banka ba bo ba felela ba supiwa ke morafe ka monwana ntswa ba sa ja madi ao. O tlhalositse fa puso ya lefatshe leno e le mo letlhokong la madi ka jalo go ka seke ga kgonagala gore ba okeletswe dituelo ntswa maphata a mangwe le one a batla koketso ya dituelo.
O ne a solofetsa dikomiti tsa ditlhabololo fa a tlaa gwetlha gore puso e rotloetse dikgwebo tsa bone ka ditsela tse di farologaneng di tshwana le go phakisa batlhoki dijo.
Fa a itebaganya le komiti ya batsadi le barutabana, Rre Williams o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke gobo banana ba phuagantse bana ba bone mo batsading ba bone ba ba setseng ba sa kgone go dira sepe.
A re bontsi jwa nako diphuthego tsa batsadi le barutabana di tsenwa ke batsadi ba ba godileng ba ba sa tlhaloganyeng sepe mme seo se na le kgonagalo ya gore se ame thuto ya ngwana.
A re batsadi ba tshwanelwa ke go rotloetsa bana ba bone go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone go na le gore e nne bone dinako tsotlhe ba etelang dikole mme fa gongwe ba bo ba sa tlhaloganye sentle se se batliwang ke barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Aug 2016






